Gomotsa ba ba Dipelo di Phatlogileng
1 Ga go ise go ke go direge mo hisitoring gore batho ba tlhoke kgomotso thata jaana. Jaaka Kgosi ya rona Keresete Jesu, le rona re “hapa ba ba dipelo di phatlogileng.”—Isa. 61:1.
2 Tsela ya go Gomotsa: Gore bodiredi jwa rona bo gomotse batho, re tshwanetse go buisana le bone ka tsela e e agang le e e kgothatsang. Le fa re a tle re bue le batho ka ditiragalo tsa lefatshe tse di sa itumediseng le dithuto tsa maaka, selo sa botlhokwa se re tshwanetseng go tlotla thata ka sone ke boammaaruri jwa Dikwalo le tsholofelo e e itumedisang ya ditsholofetso tsa Modimo tse di gomotsang. Seno ga se reye gore ga re a tshwanela go bua ka Haramagedona. Tiro ya rona ke go bolela “ngwaga wa kamogelo wa ga Jehofa le letsatsi la pusoloso la Modimo wa rona” le go ‘tlhagisa moikepi mo tseleng ya gagwe e e boikepo.’ Le fa go ntse jalo, go tlhagisa batho ka Haramagedona le tsela e e tlileng go senya ka yone ga go a tshwanela ga nna selo se re buang thata ka sone mo re lebalang kgangkgolo ya rona e leng dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo.—Isa. 61:2; Esek. 3:18; Math. 24:14.
3 Ka Ntlo le Ntlo: Gantsi re na le go kopana le batho ba ba kgobilweng marapo ke bolwetse, go swelwa ke yo ba mo ratang, tshiamololo kgotsa mathata a tsa madi. Jaaka Keresete, le rona re ‘tlhotlheletsega go tlhomoga pelo’ le go utlwela botlhoko batho ba re kopanang le bone mo bodireding. (Luke 7:13; Bar. 12:15) Le mororo re ka nna ra bala temana e le nngwe kgotsa tse pedi tse di buang ka bothata joo, re tshwanetse go nna “bonako go utlwa,” ka go dira jalo re letla motho go ntsha maikutlo a gagwe. (Jak. 1:19) Fa re sena go mo reetsa, ke gone re ka kgonang go mo gomotsa.
4 Ka nako e e tshwanetseng fa o ntse o tlotla le ene o ka nna wa re, “Ke rata go go balela mafoko a a kgothatsang go tswa mo Baebeleng.” O tshwanetse go nna kelotlhoko gore o se ka wa ganetsa maikutlo mangwe le mangwe a a phoso a a a tlhalosang. Go na le moo, re tshwanetse go amega thata ka go nametsa batho dipelo re dirisa Dikwalo go ba kgothatsa le go ba gomotsa. O ka dira jalo ka go leba buka ya Go Fetolana ka Dikwalo tsebe 212-16 mo setlhogong se se reng “Kgothatso.” Kgotsa o ka naya mong wa ntlo pampitshana e e reng Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong mme lo sekaseke dintlha tse di kgothatsang tse di mo go yone.
5 Senka Ditshono Tsa go Gomotsa ba Bangwe: A o itse moagelani, modirimmogo, yo o tsenang sekolo le ene kgotsa wa losika yo o tlhokang kgomotso? Ke eng fa o sa tseye matsapa a go ba etela kwa magaeng a bone ka maikaelelo a go ba gomotsa ka Dikwalo? Fa o itse gore ke ka ntlha yang fa ba tlhoka kgomotso o ka kgona go ipaakanyetsa seo sentle. Bangwe ba dirile jalo ka go kwala makwalo kgotsa ka go letsa mogala. Lorato lwa mmatota lo re ratang baagelani ka lone, lo tla re tlhotlheletsa go ba utlwela botlhoko le go ba naya kgomotso e ba e tlhokang ya Dikwalo.—Luke 10:25-37.
6 Ee, re abetswe go gomotsa ba ba hutsafetseng, go nametsa dipelo tsa ba ba utlwileng botlhoko le go thusa batho go nna le tsholofelo ka isagwe e e itumedisang. Eno ke kgomotso e batho mo lefatsheng lotlhe ba e tlhokang. Go bua ka boipelo ka dilo tse dintsi tse di molemo tse Modimo a di solofeditseng, go tla gomotsa batho ba ba dipelo di ikanyegang le go ba naya tsholofelo. A ka metlha re se lebale go hapa ba ba dipelo di phatlogileng.