LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/08 ts. 1
  • Lekwalo le le Tswang Lekaleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lekwalo le le Tswang Lekaleng
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lekwalo le le Tswang Lekaleng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • A Eno e ka Nna Tiro e e Molemolemo mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Ke Eng se se Dirwang Kwa Ofising ya Lekala?
    Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
  • Tirelo ya Bethele—Go Tlhokega Baithaopi ba ba Oketsegileng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
km 9/08 ts. 1

Lekwalo le le Tswang Lekaleng

Baboledi ba Bogosi ba ba Rategang:

Ngwaga o o fetileng wa tirelo e nnile ngwaga wa ditiragalo, mme gone e le o o itumedisang. Re itumeletse go neelwa ga dikago tse di okeditsweng mo lekaleng la rona ka November 10, 2007, mmogo le diketekete tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nang le dingwaga tse di fetang 40 ba kolobeditswe ba ba neng ba tswa gotlhe mo nageng ya rona. Gape go ne go na le setlhopha se segolo sa bakaulengwe go tswa kwa dinageng tse dingwe. Ruri e ne e le nako e e itumedisang, le e e nonotshang tumelo.

Re itumeletse go fitlhelela tlhora e ntšha ya baboledi ba ba 82 447 ka March le dithuto tsa Baebele di le 101 498 ka April. Gape go ile ga fitlhelelwa tlhora e ntšha ya ba ba 205 498 ba ba nnileng teng mo segopotsong.

Ka May naga yotlhe e ne ya gakgamadiwa ke go tlhaselwa ga batswakwa. Bontsi jwa bakaulengwe ba rona ba ba tswang kwa dinageng tsa boagisani ba ne ba amega. Le fa go sena ope yo o ileng a bolawa, bontsi jwa bone ba ne ba latlhegelwa ke magae a bone le dithoto tsa bone. Ba bangwe, go akaretsa le palo e e rileng ya ba ba ithutang Baebele, ba ne ba tlhaselwa mme seo sa dira gore ba utlwe botlhoko thata mo maikutlong. Se se neng se kgothatsa thata ke tsela e bakaulengwe ba ba leng mo mafelong a a gaufi a a “babalesegileng” ba tsibogileng ka yone. Bakaulengwe bano ba thusitse ka marobalo, dijo, diaparo, le ka sengwe le sengwe se se neng se tlhokega go thusa ba ba neng ba amegile. Ba bangwe ba thusitse ka madi mme seo se ne sa dira gore bangwe ba kgone go boela kwa dinageng tsa bone. Kwa Cape Town phuthego nngwe e ne ya amogela lekwalo le le neng le bontsha go leboga thuso e e neilweng bakaulengwe ba rona. Karolo nngwe ya lone ya re: “Re ne re se batshabi; re itumeletse go nna mmogo re le lelapa. Tsela e re neng ra falodisiwa ka yone e ne e re bontsha kafa re tla falodisiwang ka teng ka Haramagedona ka nako e e tshwanetseng re bo re newa lefelo le le siameng mo paradaiseng.” Bontsi jwa rona re ne ra newa tshono ya go bontsha gore ruri re rata bakaulengwe ba rona. Fa re tlhoka go dira jalo, re tla swela bakaulengwe ba rona.—Johane 13:34, 35.

Bakaulengwe ba lona,

Ofisi ya Lekala ya Afrika Borwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela