Go Ithuta Baebele o le Nosi le Jaaka Lelapa go Botlhokwa!
1. Mo nakong eno, Setlhopha se se Laolang se amegile jang ka tsela e e kgethegileng ka rona, mme ka ntlha yang?
1 Jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Setlhopha se se Laolang se amegile thata ka boitekanelo jwa batho ba ga Jehofa. (Dit. 15:6, 28) Fa pitlagano e kgolo e ntse e atamela, go botlhokwa gore mmoledi mongwe le mongwe wa Bogosi a nne le kamano e e nonofileng le Jehofa. O tla dirisa jang nako e pele e neng e le ya Thuto ya Buka ya Phuthego? Re kgothalediwa rotlhe gore re dirise nako eno mo kobamelong ya lelapa. Go dirisa nako eno ka botlhale go tla dira gore re kgone go hukutsa Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng mme re solegelwe molemo ke se re se ithutang.—Pes. 1:1-3; Bar. 11:33, 34.
2. Maitseboa a kobamelo ya rona ya lelapa a ka rulaganngwa jang?
2 Maitseboa a Kobamelo ya Lelapa: Ditlhogo tsa malapa di kgothalediwa gore di rwale maikarabelo a tsone a di a filweng ke Jehofa a go tlhomamisa gore go latelwa thulaganyo ya ka metlha ya thuto ya Baebele ya lelapa. (Dute. 6:6, 7) Bakaulengwe ba ba sa nyalang le bokgaitsadi ba ba sa nyalwang ba ba se nang maikarabelo a lelapa ba tla kgona go dirisa nako eno go ithuta Baebele ba le nosi le go dira dipatlisiso. Go botlhokwa gore rotlhe re ‘reke nako e e re siametseng’ ya go ithuta le go tlhatlhanya gore re tle re nne re nonofile semoyeng gore re kgone go lebana le ‘malatsi a a bosula.’—Baef. 5:15, 16.
3, 4. Ke dikakantsho dife tse di neelwang malebana le tshedimosetso e re tla e dirisang, mme re tlhomile mogopolo mo go eng?
3 Se se Ka Sekasekiwang: Watch Tower Publications Index kgotsa Watchtower Library ka CD-ROM e ka lo thusa go bona tshedimosetso e e ka dirang gore lo itumelele dinako tsa go ithuta Baebele. Malapa a ka sekaseka ditlhogo tse di tswang ka metlha mo go Tora ya Tebelo tse di jaaka “Ditsela Tsa go Bona Boitumelo mo Lelapeng,” “Ruta Bana ba Gago,” le “Tsa Basha.” Tsogang! le yone e na le motseletsele wa ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana” le ditlhogo tse dingwe tse di kgatlhang malebana le dilo tse di gakgamatsang tsa popo.
4 Go dira mmalo wa Baebele ka iketlo go ka gatelela melaometheo ya Modimo le dithuto tse dingwe mo megopolong le mo dipelong tsa mongwe le mongwe mo lelapeng. (Baheb. 4:12) Mo makgetlhong a mangwe lo ka nna lwa lebelela le go tlotla ka nngwe ya dibidio tse di gatisitsweng ke mokgatlho. Go na le ditshono tse dintsi tsa go dirisa bokgoni mo go tlhopheng dilo tse lo ka di dirisang go ithuta. Ke eng o sa botse maloko a lelapa la gago gore ke eng se ba ka ratang go se ithuta?
5. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa thata jaana mo matshelong a rona go ithuta re le nosi le jaaka lelapa gone jaanong?
5 Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa Gone Jaanong: Fa re nonotsha bomoya jwa rona go tla re thusa gore re siamele go ‘ema re nitame le go bona poloko ya ga Jehofa.’ (Ekes. 14:13) Batsadi ba tlhoka kaelo ya Modimo go godisa bana ba bone ‘mo gare ga kokomane e e sokameng le e e kgopameng.’ (Bafil. 2:15) Bana ba tlhoka thuso gore ba lepalepane le boitsholo jo bo repileng jo bo leng teng mo dikolong gompieno. (Dia. 22:3, 6) Banyalani ba dira sentle go nonotsha kamano ya bone ya “mogala o o menaganeng seraro” le Jehofa. (Mor. 4:12) Ka jalo he, a rotlhe re diriseng nako e e setseng ka botlhale gore re inonotshe mo ‘tumelong ya rona e e boitshepotshepo’!—Jude 20.