Re Basupi ka Dinako Tsotlhe
1. Re ka ithuta eng mo pegong e e buang ka Jesu fa a ne a neela mosadi mongwe bosupi kwa sedibeng?
1 Jesu o ne a tsamaile diura di le dintsi. O ne a lapile e bile a nyorilwe. Fa barutwa ba gagwe ba ne ba sa ntse ba ile go reka dijo, o ne a dula mo sedibeng ka kwa ntle ga motse wa Samarea go ikhutsa. Jesu o ne a sa ya Samarea go ya go rera; o ne a feta teng fela a ya Galalea go ya go tsweletsa bodiredi jwa gagwe pele koo. Le fa go ntse jalo, o ne a dirisa tshono ya go neela mosadi mongwe yo o neng a ga metsi bosupi. (Joh. 4:5-14) Ka ntlha yang? Jesu o ne a sa emise le ka motlha go nna “mosupi yo o ikanyegang le yo o boammaaruri” wa ga Jehofa. (Tshen. 3:14) Re etsa Jesu ka go nna Basupi ba ga Jehofa ka dinako tsotlhe.—1 Pet. 2:21.
2. Re ka ipaakanyetsa jang go neela bosupi re se mo bodireding?
2 Nna o Ipaakantse: Re ka nna re ipaakantse go neela bosupi re se mo bodireding ka go tsamaya re tshwere dikgatiso. Baboledi ba le bantsi ba nna ba tshwere dipampitshana mme ba bo ba di tsamaisetsa ditlelereke tsa mabenkele, badiredi ba mafelo a go tshelwang peterole gone le ba bangwe ba ba kopanang le bone mo letsatsing leo. (Mor. 11:6) Kgaitsadi mongwe yo o nnang a le mo loetong gangwe le gape o tlhomamisa gore ka metlha o na le Baebele e nnye le buka ya Baebele e Ruta Eng? mo bekeng ya gagwe mme o leka go simolola motlotlo le batho ba ba dutseng gaufi le ene.
3. Re ka simolola jang motlotlo?
3 Simolola Motlotlo: Fa re neela bosupi re se mo bodireding, ga re tlhoke go simolola ka kgang e e buang ka Dikwalo. Jesu ga a ka a simolola motlotlo wa gagwe le mosadi yole kwa sedibeng ka go itlhalosa gore ke Mesia. O ne a mo kopa fela gore a mo nose metsi, mme a tsosa kgatlhego ya gagwe. (Joh. 4:7-9) Kgaitsadi mongwe o fitlhetse gore go dirisa tsela e e tshwanang go mo thusitse gore a simolole motlotlo fa a bodiwa gore a o ne a itumeletse go keteka letsatsi lengwe la boikhutso. Go na le gore a arabe a re ga a ka a keteka moletlo oo ka gonne ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, a re, “Ke itlhophetse gore ke se ka ka keteka letsatsi leo.” Gantsi motho yo o mmoditseng potso o mmotsa gore ka ntlha yang, mme seno se dira gore kgaitsadi yono a neele bosupi.
4. Ke eng fa o tlhotlhelediwa ke Mathaio 28:18-20?
4 Le fa gone Jesu a weditse bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng jo a neng a bo dira ka tlhoafalo, o sa ntse a batla thata gore tiro ya go rera e dirwe ka tsela e a neng a e dira ka yone. (Math. 28:18-20) Ka jalo, jaaka Motlhomasekao wa rona e bong Jesu, re Basupi ba ba ikemiseditseng go bua ka tumelo ya rona phatlalatsa nako nngwe le nngwe.—Baheb. 10:23.