Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo January 1
“A o akanya gore lefatshe e ka nna lefelo le le botoka fa mongwe le mongwe a ka bo a tshela ka molaomotheo ono wa Baebele? [Bala Baroma 12:18. Morago ga foo mo letle gore a arabe.] A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo ka dinako tse dingwe a ne a laela batho ba gagwe ba motlha wa bogologolo gore ba lwe? Setlhogo seno se tlhalosa karabo e e utlwalang sentle ya Baebele.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 13.
Tsogang! January
Bala Ditiro 17:31a. Go tswa foo o bo o re: “Mo bathong ba le bantsi, go akanya fela ka Letsatsi la Katlholo ke selo se se tshosang. Wena o ikutlwa jang ka gone? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e ruta gore Letsatsi la Katlholo le tla re tlisetsa masego a le mantsi mo lefatsheng. Setlhogo seno se tlhalosa seo.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 10.
Tora ya Tebelo February 1
“Batho ba le bantsi ba solofetse go ya legodimong fa ba swa. A o kgatlhegela tsholofelo eo? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore Baebele ya re tuelo ya batho ba bantsi ba ba siameng e tla nna eng. [Bala Pesalema 37:29.] Makasine ono o sekaseka se Baebele e se bolelang malebana le gore ke bomang ba ba tla yang legodimong le gore ba tla ya go dira eng koo.”
Tsogang! February
“Tlhalo ke selo se se tlwaelegileng thata gompieno. A o akanya gore banyalani ba le bantsi ba akanyetsa dilo tsotlhe tse di akarediwang pele ga ba dira tshwetso ya go tlhala? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Diane 14:15.] Makasine ono o tlhalosa dilo di le nnè tse banyalani ba tshwanetseng go di sekaseka fa ba akanya ka go tlhala.”