Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo January 1
Bala Genesise 2:16, 17. Mme o bo o re: “Batho bangwe ba re Modimo o ne a ntse a itse gore Adame o tla leofa. Ba bangwe ba akanya gore tlhagiso ya Modimo e ne e tla bo e le ya boitimokanyi fa e le gore o ne a setse a itse gore go ne go tla diragala eng. Wena o akanya eng? [Mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se se simololang mo tsebe 13 se tlhalosa kafa Modimo a dirisang bokgoni jwa gagwe jwa go itse isagwe ka gone.”
Tsogang! January
“Batho bangwe ba dumela gore tumelo mo bodumeding e theilwe thata mo maikutlong go na le mo mabakeng a a utlwalang. Wena o akanya eng? [Mo letle gore a arabe.] Go ya ka Baebele, tumelo mo bodumeding ga e a tshwanela go nna selo se o dumelang mo go sone fela kwantle ga mabaka. [Bala 1 Johane 4:1.] Setlhogo se se simololang mo tsebe 28 se tlhalosa kafa re ka tlhomamisang ka gone gore tumelo ya rona e theilwe thata mo mabakeng.”
Tora ya Tebelo February 1
“Tlhalo e tlwaelegile thata gompieno. O akanya gore lebaka la konokono la seno ke lefe? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko kgakololo eno e banyalani ba le bantsi ba e fitlhetseng e thusa. [Bala 1 Bakorintha 10:24.] Makasine ono o tlotla ka dingongorego di le thataro tse di dirwang ke banna le basadi mme o bontsha kafa go dirisa melaometheo ya Baebele go ka thusang ka gone.”
Tsogang! February
“Go lebega go kgatlhegela batho ba ba gopang batho madi le baloi go oketsega. A o akanya gore go nna le seabe mo dilong tse di amanang le masaitseweng ga go kotsi? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko tlhagiso eno e Modimo a ileng a e naya Baiseraele ba bogologolo. [Bala Duteronome 18:10-12.] Makasine ono o tlhalosa se Baebele e se bolelang ka dilo tse di amanang le masaitseweng.”