LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/10 ts. 3
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Solegelwa Molemo ke Dipuo Tsa Phatlalatsa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Nna o Gatela Pele
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Kafa o ka Dirisang Dikgatiso Tse di Rekotilweng ka Teng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
km 4/10 ts. 3

Lebokoso la Dipotso

◼ A Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go anamisa dipuo tse di rekotilweng kgotsa tse di gatisitsweng?

Dipuo tsa Baebele di a re nonotsha le go re kgothatsa. (Dit. 15:32) Ka jalo, go a utlwala gore re batle go abelana tshedimosetso e e ntseng jalo e e kgothatsang le batho ba ba neng ba seyo mo dipokanong. E re ka go na le didirisiwa di le dintsi tsa go rekota, puo e ka rekotiwa mme ya anamisediwa ba bangwe ka bonako fela. Bangwe ba ile ba boloka dipuo tse dintsi tse di rekotilweng, go akaretsa le dipuo tse di ileng tsa neelwa dingwaga di le dintsi tse di fetileng, mme ka maitlhomo a a siameng ba adima kgotsa ba bo ba direla ditsala dikhopi tsa dipuo tseno. Ba bangwe ba ile ba itirela diaterese tsa Internet mme ba bo ba baya dipuo tseo foo gore mongwe le mongwe a di itseele.

Gone ke boammaaruri gore ga go phoso go rekota dipuo gore rona ka borona re di dirise kgotsa gore di dirisiwe ke ba malapa a rona. Mo godimo ga moo, bagolwane ba ka nna ba rulaganya gore dipuo di rekotelwe maloko a a lwalang a phuthego a a sa kgoneng go nna teng mo dipokanong. Le fa go ntse jalo, go na le mabaka a a utlwalang gore re se ka ra anamisa dipuo tse di gatisitsweng kgotsa tse di rekotilweng.

E re ka gantsi dipuo di neelwa go akantswe ka dilo tse di tlhokang go elwa tlhoko mo diphuthegong tsa rona, go motlhofo gore re tlhalose dintlha tsa dipuo tse di rekotilweng tse di anamisitsweng ka tsela e e sa tshwanelang, ka go bo re sa itse maemo a puo e neng e neelwa mo go one. Mo godimo ga moo, go tla nna thata go tlhalosa gore ke mang yo o neng a neela puo le gore o ne a e neela leng, gore re tle re tlhatswege pelo gore tshedimosetso e e leng mo go yone e mo nakong e bile e siame. (Luke 1:1-4) Mo godimo ga moo, go anamisa dipuo tse di gatisitsweng kgotsa tse di rekotilweng go ka nna ga dira gore bangwe ba raelesege go neela bangwe tlhokomelo le tlotlo e e sa ba tshwanelang kgotsa gore ba bangwe ba raelesege go amogela tlotlo e e ntseng jalo.—1 Bakor. 3:5-7.

Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale o dira ka natla go re naya dijo tsa semoya ka “selekanyo” se se siameng le ka “nako e e tshwanetseng.” (Luke 12:42) Seno se akaretsa thulaganyo ya gore go neelwe dipuo mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa le dipuo tse di rekotilweng tse di ka tsewang mo atereseng ya Internet e e kafa molaong ya jw.org. Re ka tlhomamisega gore motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale le Setlhopha sa gagwe se se Laolang ba tla re naya se re se tlhokang gore re tle re nitamisiwe mo tumelong.—Dit.16:4, 5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela