Kafa o ka Dirisang Dikgatiso Tse di Rekotilweng ka Teng
1. Ntle le dikgatiso tsa rona tse di printilweng, ke thulaganyo efe e re nang le yone?
1 Batho ba le bantsi ba itumelela go bala dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng tse di mo jw.org. (Mor. 12:10) Mme gone, a o kile wa reetsa dikgatiso tsa rona tse di rekotilweng? Fa o dira jalo, o tla kgona go utlwa tshedimosetso e ntsi e e mo jw.org. Dikgatiso tse di rekotilweng di ka re thusa jang?
2. Re ka dirisa jang dikgatiso tse di rekotilweng fa re ithuta re le rosi kgotsa le ba malapa a rona?
2 Di Dirise fa o Ithuta o le Nosi Kgotsa le ba Malapa: Go reetsa diterama, mmalo wa Baebele le dikgatiso tse dingwe tse di rekotilweng fa re tsere maeto, go ka re thusa gore re dirise nako ya rona ka botlhale. (Baef. 5:15, 16) Re ka dira seno ka nako ya kobamelo ya lelapa ka go reetsa kgatiso e e rileng mme re ntse re tla re lebile e e printilweng. Go reetsa dikgatiso tse di rekotilweng ka nako ya fa re ithuta re le rosi go thusa fela thata segolobogolo fa re batla go tokafatsa tsela e re balang ka yone kgotsa fa re ithuta puo e sele.
3. Ke bomang ba ba ka kgatlhegelang dikgatiso tse di rekotilweng?
3 Mo Bodireding: Batho ba ba tshwaregileng thata mo ba sa kgoneng go bala, ba ka nna ba eletsa go reetsa dikgatiso tsa rona tse di rekotilweng. Kgotsa re ka nna ra kopana le motho yo o buang puo e sele mme gone go bonala gore a ka reetsa fa a ka utlwa molaetsa wa Baebele ka “puo ya gagwe.” (Dit. 2:6-8) Batho bangwe ba tsaya go reetsa e le karolo ya botlhokwa ya ngwao ya bone. Ka sekai, Ba-Hmong ba bolelela bana ba bone hisitori ya lotso lwa bone mme bana bao ba tlhomamisa gore ba reetsa sentle gore ba se ka ba lebala. Mo ditsong tse dintsi tsa Se-Afrika, bana ba tlhabelwa mainane.
4. Ke dipotso dife tse re ka ipotsang tsone malebana le go thusa batho ba re kopanang le bone mo bodireding?
4 A go ka thusa go tshamekela mong wa ntlo kgatiso nngwe e e rekotilweng mo tshimong ya lona? A go na le mongwe yo o ka kgatlhegelang gore re mo romelele kgatiso nngwe e e rekotilweng ka e-mail? A re ka tsenya kgatiso e e rekotilweng mo CD mme re bo re e naya motho yo o e kgatlhegelang gongwe re mo neye le kgatiso e e printilweng? Fa re naya motho buka, boroutšhara makasine kgotsa pampitshana, re tshwanetse go di tsenya mo pegong ya tirelo ya tshimo. Dikgatiso tse di rekotilweng di diretswe go re thusa gore re leme peo ya Lefoko la Modimo.—1 Bakor. 3:6.