LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb23 May ts. 13
  • A o Reetsa Mmalo wa Baebele o o Rekotilweng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Reetsa Mmalo wa Baebele o o Rekotilweng?
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa o ka Dirisang Dikgatiso Tse di Rekotilweng ka Teng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • Dithulaganyo Tsa Rona Tsa Kopano
    Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
  • Se se Ka go Thusang go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Web Site ya Rona ya Semolao —E Dirise go Thusa ba ba Buang Puo e Sele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
mwb23 May ts. 13
Ditshwantsho: Mmalo wa Baebele o o rekotilweng. 1. Mokaulengwe o dutse kwa ntle mme o reeditse mmalo wa Baebele mo founong. 2. Mmé le ngwana wa gagwe ba reeditse mmalo wa Baebele mme ba tsamaisana le one mo Baebeleng. 3. Kgaitsadi o reeditse mmalo wa Baebele a le mo sepalangweng sa batho botlhe.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

A o Reetsa Mmalo wa Baebele o o Rekotilweng?

Mmalo wa Baebele o o rekotilweng ke eng? Ke dibuka tsa Baebele tse di rekotilweng tse di tswang mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e tlhabolotsweng. Mmalo ono o nna o gololwa mo dipuong tse di farologaneng. Se se itumedisang ke gore go dirisiwa mantswe a a farologaneng go bontsha gore go bua motho yo mongwe mo ditemaneng tse di balwang. Fa mmalo wa Baebele o o rekotilweng o balwa, go tsenngwa maikutlo gore molaetsa wa Baebele o utlwale sentle.

Bangwe ba solegelwa molemo jang ke go reetsa mmalo wa Baebele o o rekotilweng? Bangwe ba ba reetsang mmalo ono wa Baebele, ba rata kafa o dirang gore Lefoko la Modimo le nne selo sa mmatota mo go bone. Fa ba utlwa mantswe a a farologaneng mo ditemaneng, go nna jaaka o ka re ba bona se se diregang e bile seo se ba thusa gore ba kgone go tlhaloganya se se kwadilweng sentle. (Dia 4:5) Gape bangwe ba reetsa mmalo ono wa Baebele o o rekotilweng gore o ba gomotse fa ba tlhobaela.—Ps 94:19.

Go utlwa lefoko la Modimo le balwa go ka re solegela molemo. (2Dt 34:19-21) Fa e le gore mmalo wa Baebele o o rekotilweng o gone ka puo e o e tlhaloganyang, a o ka itlwaetsa go o reetsa?

LEBANG BIDIO YA KAFA MMALO WA BAEBELE O REKOTIWANG KA GONE—BIDIO E E KHUTSHWAFADITSWENG, LO BO LO ARABA POTSO E E LATELANG:

Ke eng se se go kgatlhang ka tsela e mmalo wa Baebele o rekotilweng ka gone?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela