KAKANTSHO YA GO ITHUTA
Se se Ka go Thusang go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi
E re ka go na le dilo di le dintsi tse o tshwanetseng go di dira, a ka dinako dingwe go thata gore o bale Baebele letsatsi le letsatsi? (Josh. 1:8) Fa go le jalo, o ka dirisa dikakantsho tse di latelang:
Dira gore go nne le sengwe se se tla go gopotsang. Tsenya alamo e e tla go gopotsang go bala Baebele.
Baya Baebele ya gago gaufi. Fa o dirisa Baebele e e printilweng, e beye mo o ka e bonang gone letsatsi le letsatsi.—Dute. 11:18.
Reetsa mmalo wa Baebele o o rekotilweng. Dira jalo fa o ntse o dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi. Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela yo o bidiwang Tara, yo gape e leng motsadi e bile a bereka bosigo a re: “Go reetsa mmalo wa Baebele o o rekotilweng fa ke ntse ke dira ditiro tsa me tsa mo lapeng, go nthusa go bala Baebele letsatsi le letsatsi.”
O se ka wa ineela. Fa go ka direga sengwe se se ka go kgoreletsang, o ka bala ditemana di se kae fela pele o ya go robala. Lemme ga le bolaye.—1 Pet. 2:2.