Go Solegelwa Molemo ke Dipuo Tsa Phatlalatsa
1 Hisitori ya gompieno ya Basupi ba ga Jehofa e tlhalosiwa sentle ke mafoko a a mo go Diane 4:18: “Tselana ya basiami e tshwana le lesedi le le phatsimang le ntse le phatsimela pele go fitlha motshegareng o mogolo.”
2 Tumalanong le seno, phuthego ya Bokeresete e nna e amogela tshedimosetso e e mo nakong le e e tokafaditsweng ya dilo tse di rutwang mo Baebeleng. (Math. 24:45-47) Gongwe o ka kgona go umaka dikai tse o di lemogileng tsa seno fa e sa le o simolola go kopanela le Basupi ba ga Jehofa. Dipokano tsa phuthego, go akaretsa le dipuo tsa phatlalatsa, di re thusa go lepalepana le lesedi le le ntseng le oketsega la boammaaruri.
3 Diaotlelaene Tse Disha le Tse di Tokafaditsweng: Bosheng jaana, ofisi ya lekala e neile diphuthego diaotlelaene di le dintsi tse disha tsa dipuo tsa phatlalatsa. Diaotlelaene dingwe di na le dintlha tse di tokafaditsweng, mme go dirilwe gore dintlha tse di botlhokwa di utlwale sentle. Gore phuthego e solegelwe molemo ke tshedimosetso e e tokafaditsweng, bakaulengwe ba ba neelang dipuo tsa phatlalatsa ba tshwanetse go dirisa fela diaotlelaene tsa bosheng.
4 Gore o kgone go solegelwa molemo ke dipuo tsa phatlalatsa, akanya ka ditlhogo tsa dipuo tse di tla neelwang. Pele ga o ya kwa Pokanong ya Phatlalatsa, leka go gakologelwa gore dibuka tsa puso ya Modimo di rileng bosheng jaana ka setlhogo seo. Fa o ntse o reeditse, leka go akanyetsa gore dintlha tse di latelang di tla reng. Batla ditsela tse disha tse o ka dirisang dintlha tseno ka tsone mo isagweng. Seno se tla dira gore o solegelwe molemo thata ke dipuo tsa phatlalatsa tse di tokafaditsweng.
5 Dipuo Tsa Phatlalatsa di Tshwanetse go Ruta le go Tlhotlheletsa Bareetsi: Fa Jesu a ne a bua, o ne a kgona go fitlhelela dipelo tsa bareetsi ba gagwe. Kwa bokhutlong jwa Thero ya ga Jesu ya kwa Thabeng, e e leng puo ya phatlalatsa e e itsegeng thata e a kileng a e baya, Mathaio 7:28 e bega gore: “Phelelo ya nna gore boidiidi bo ne jwa tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta.”
6 Ba akantse ka sekai sa ga Jesu, ditlhopha tsa bagolwane di tshwanetse go nna kelotlhoko fa di tlhopha dibui tse disha tsa phatlalatsa, ba di abele fela bakaulengwe ba ba nang le bokgoni jwa go ruta, ba ba tla dirisang tshedimosetso e e leng mo diaotlelaeneng fela, le ba ba kgonang go dira gore bareetsi ba nne ba reeditse. Bakaulengwe ba ba nang le tshiamelo ya go neela dipuo tsa phatlalatsa ba tshwanetse go nna ba leka ka natla go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go bua, ba amogele kgakololo le dikakantsho tse ba di neelwang ke bagolwane. Fa mogolwane a sa tlhole a tshwanelega go neela dipuo tsa phatlalatsa, o tshwanetse a bolelelwa seno ka mokgwa o montle.
7 Jaaka go boleletswe pele mo go Isaia 65:13, 14, go atlega semoyeng ga batho ba Modimo go tswelela go bonala sentle. Thulaganyo ya dipuo tsa phatlalatsa ke nngwe ya ditsela tse dintsi tse re “rutiwang ke Jehofa” ka tsone.—Isa. 54:13.