Nna o Akantse ka go Buelela Thuto ya Baebele
1. Go diragatsa taelo ya ga Jesu e e mo go Mathaio 28:19, 20 go akaretsa eng?
1 Jesu o re file taelo ya gore re “dire ditšhaba tsotlhe barutwa . . . , [re] ba rute.” (Math. 28:19, 20) Ka jalo, re batla go nna re akantse ka go buelela dithuto tsa Baebele ka dinako tsotlhe, e seng fela ka letsatsi le le lengwe la mafelobeke le le beetsweng kwa thoko ka mo go kgethegileng gore go buelelwe dithuto tsa Baebele. Dikakantsho tse di latelang di ka thusa.
2. Re ka buelela thuto ya Baebele mo go bomang?
2 E Buelele: Fa re nna re buelela thuto ya Baebele, re tla nna le ditshono tse di oketsegileng tsa go e bona. (Mor. 11:6) A o kile wa leka go dirisa mokgwa wa go e buelela ka tlhamalalo? Phuthego nngwe ya kwa United States e ne ya dira maiteko a magolo go dira seno kgwedi yotlhe. A bo ba ne ba itumela jang ne fa ba ne ba kgona go simolola dithuto tsa Baebele tse disha di le 42! O se ka wa ipolelela gore batho ba ba kgatlhegang ba o ba etelang ba a itse gore o iketleeditse go ithuta Baebele le bone. Fa o boela mo lekgetlong le le latelang, ke eng o sa buelele thuto? Ga se bothata fa ba sa dumele. O ka nna wa tswelela o tlhagolela kgatlhego ya bone. A o boditse baagelani, ba losika, batho ba o berekang le bone le ba o tsenang sekolo le bone gore a ba ka rata go ithuta Baebele le wena? O ka nna wa botsa gape le batho ba o ithutang Baebele le bone gore a ba na le ditsala kgotsa ba losika ba ba ka ratang go ithuta Baebele.
3. Ke sedirisiwa sefe se se thusang sa go simolola dithuto tsa Baebele se re nang le sone mme re ka se dirisa leng?
3 Sedirisiwa Se se Ka re Thusang: Sedirisiwa se se ka re thusang go simolola dithuto tsa Baebele ke pampitshana e e nang le setlhogo se se reng A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? O ka nna wa e naya beng ba matlo le fa ba amogela dikgatiso kgotsa ba sa di amogele. O ka nna wa e dirisa fa o bereka tshimo ya kgwebo, fa o dira tiro ya mmila, fa o romela makwalo le fa o dira maeto a go boela. Mme gape e ka nna ya tlogelwa le mo matlong a go sa fitlhelwang ope mo go one. Ke eng o sa tsamaye o e tshotse fa o dirisa sepalangwa sa botlhe, fa o ya go reka le fa o le kwa tirong? Tsebe ya yone e e kafa morago e tlhalosa ka bokhutshwane thulaganyo ya rona ya thuto ya Baebele mme e buelela buka ya Baebele e Ruta Eng?
4. Re ka dirisa jang pampitshana ya Go Itse Boammaaruri go simolola thuto?
4 Fa o sena go naya motho pampitshana eno, o ka nna wa mmontsha dipotso tse di mo tsebeng e e fa pele mme o bo o mmotsa gore, “Ke efe ya dipotso tseno e e go kgatlhang thata?” Morago ga foo lo bo lo sekaseka karabo e e mo pampitshaneng mmogo le go bala kgotsa go sobokanya tshedimosetso e e mo tsebeng e e ka kwa morago, e e tlhalosang ka thulaganyo ya rona ya thuto ya Baebele. Morago ga foo, o ka nna wa mmontsha gore a ka bona kae tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang eo mo bukeng ya Baebele e Ruta Eng?, o bo o buelela buka mme o bo o dira dithulaganyo tsa go boela gore o tsweletse motlotlo.
5. Ke eng fa re tshwanetse go nna re akantse ka go buelela dithuto tsa Baebele?
5 Tshimo ya rona e sa ntse e na le batho ba ba batlang go itse se tota Baebele e se rutang. Ka go nna re akantse ka go buelela dithuto tsa Baebele, re tla oketsa ditshono tsa gore re nne le boipelo jwa go thusa ba bangwe go tsena mo tseleng e e isang botshelong.—Math. 7:13, 14.