LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/10 ts. 3
  • Fa o Tlhoka Dikgatiso Tsa Dipuo di Sele ka Bonako

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa o Tlhoka Dikgatiso Tsa Dipuo di Sele ka Bonako
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tsamaisa Dikgatiso mo Tshimong ya Dipuo Tse di Farologaneng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Web Site ya Rona ya Semolao —E Dirise go Thusa ba ba Buang Puo e Sele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Tshedimosetso e e Thusang Batho
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Web Site ya Rona ya Semolao—E Dirise mo Bodireding
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
km 10/10 ts. 3

Fa o Tlhoka Dikgatiso Tsa Dipuo di Sele ka Bonako

Ka dinako tse dingwe re kopana le batho ba ba batlang go bala dikgatiso tsa rona ka puo e sele e phuthego ya rona e se nang yone mo setokong. A o ne o itse gore fa o na le Internet le motšhini o o gatisang, o ka kgona go ikgatisetsa dikgatiso ka dipuo tse di ka nnang 400? O ka dira seno jaana:

• Ya kwa atereseng eno ya rona ya semolao ya Internet, www.watchtower.org.

• Fa o sena go bula aterese eno, kafa letlhakoreng la moja go na le lenaane la dipuo di se kae. Tobetsa mo setshwantshong sa kgolokwe ya lefatshe go bona lenaane la dipuo tsotlhe tse di leng teng.

• Tobetsa mo puong e o e batlang. Go tla tlhaga tshedimosetso ya kgatiso e o ka e gatisang, e e jaaka ya dipampitshana, diboroutšhara le ditlhogo tse dingwe. E re ka tshedimosetso eno e kwadilwe ka puo e o e tlhophileng, o se ka wa tshwenyega fa e le gore ga o tlhaloganye ditlhogo tsa teng.

• Tobetsa mo setlhogong sengwe le sengwe. Tshedimosetso e tla tlhaga mo sekirining mme o ka e gatisa ka go tobetsa letshwao la motšhini o o gatisang.

Aterese ya rona ya Internet e na le dikgatiso di se kae fela; dikgatiso tse di oketsegileng di ka bonwa ka phuthego. (Dikgatiso tse di kwaletsweng Basupi fela, tse di jaaka ditlhogo tse di ithutiwang tsa Tora ya Tebelo, di ka kgona go itseelwa mo atereseng ya jw.org ka dipuo tse di farologaneng.) Fa o bona gore motho o na le kgatlhego, go botoka go kopa dikgatiso kwa khaontareng ya dibuka.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela