Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo October 1
“Batho ba le bantsi ba ipotsa gore a Modimo o amega ka ditlhobaelo le kutlobotlhoko ya rona. O akanya eng? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo, o bo o bala Pesalema 34:18.] Setlhogo se se mo tsebeng ya 19 se tlotla kafa Modimo a re thusang ka gone go lwantsha maikutlo a a sa siamang a a jaaka go ikutlwa o se na mosola, go fekeediwa ke khutsafalo le go ipona molato ka tsela e e feteletseng.”
Tsogang! October
“Batho bangwe ba leba Modimo e le maatla mangwe fela a a se nang maikutlo. Ba bangwe ba mo leba e le motho yo o nang le maikutlo. Wena o akanya eng? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko mafoko ano a a kgatlhang. [Bala 1 Petere 5:6, 7.] Setlhogo se se simololang mo tsebe 29 se araba go tswa mo Baebeleng potso e e reng, A Modimo ke motho wa mmatota?”
Tora ya Tebelo November 1
“Rotlhe re batla go ikutlwa re kgotsofetse. A o akanya gore re tlhoka go nna le madi gore re kgotsofale? [Mo letle gore a arabe.] Mokwadi mongwe wa Baebele o ile a ithuta go kgotsofala fa a ne a na le go le gonnye. [Bala Bafilipi 4:11, 12.] Makasine ono o re neela diphiri di le tlhano tse di tswang mo Baebeleng tsa kafa re ka kgotsofalang ka teng.”
Tsogang! November
“Balatolamodimo bangwe ba bua ka dilo tse di bosula tse di dirwang ka leina la Modimo mme ba akanya gore lefatshe le ka nna botoka fa go se na bodumedi. O akanya eng? [Mo letle gore a arabe.] Lebaka le le lengwe la go bo bodumedi bo bakile pogo ke leno. [Bala 2 Timotheo 4:3, 4.] Makasine ono o bontsha kafa dikakanyo tsa balatolamodimo di leng phoso ka teng.”