Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo November 1
“A o akanya gore baengele ba kgatlhegela se re se dirang? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e bua mafoko ano a a kgatlhang. [Bala Luke 15:10.] Setlhogo seno se tlotla ka se Jesu a ileng a se bolela malebana le kafa dibopiwa tsa moya di re amang ka teng.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 16.
Tsogang! November
Bala 2 Timotheo 3:16. Go tswa foo, o bo o re: “A o akanya gore re ka ikanya sengwe le sengwe se Baebele e se bolelang? [Mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se tlotla ka gore a thutamarope le hisitori ya lefatshe e tshegetsa se Baebele e se bolelang ka Egepeto wa bogologolo.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 15.
Tora ya Tebelo December 1
“Batho ba le bantsi ba dumela gore go na le dibopiwa tse di botlhale kwa lefelong la meya tse di tlhotlheletsang matshelo a rona. Wena o akanya eng? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo, o bo o bala Tshenolo 12:7-9.] Makasine ono o bontsha se Baebele e se bolelang ka bao ba nnang kwa lefelong la meya, kafa ba re amang ka gone le gore a re ka kgona go ikgolaganya le bone.”
Tsogang! December
“A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Keresemose e ketekiwa ka December 25 fa Baebele yone e sa bolele gore Jesu o tshotswe leng? [Mo letle gore a arabe.] Go ya ka temana eno, go ka se direge gore Jesu a bo a tshotswe ka paka ya mariga. [Bala Luke 2:8.] Makasine ono o senola gore dingwao dingwe tse di tlwaelegileng tsa Keresemose di simologile kae.”