Tsela e Nngwe ya go Dirisa Boroutšhara Jwa Molaetsa wa Baebele
Batho ba le bantsi mo tshimong ya rona, segolobogolo ba ba leng mo madumeding a e seng a Bokeresete, ga ba a tlwaelana le Baebele. Fa baboledi bangwe ba ithuta ka buka ya Baebele e Ruta Eng? le batho ba ba ntseng jalo, ba ile ba dirisa gape le boroutšhara jwa Molaetsa wa Baebele go thusa motho yo ba ithutang le ene go itse tshobokanyo ya Baebele. Ka sekai, mokaulengwe mongwe o akaretsa karolo 1 ya boroutšhara jono fa ba ithuta kgaolo 3 ya buka ya Baebele e Ruta Eng? Go tswa foo, o sekaseka karolo e nngwe kwa bofelong jwa thuto nngwe le nngwe. A o ithuta le mongwe yo o itseng go le gonnye kgotsa yo o sa itseng sepe ka Baebele? Gore o mo thuse go ithuta ‘mekwalo e e boitshepo, e e kgonang go go tlhalefisa gore o bone poloko,’ akanyetsa go oketsa tshedimosetso e e mo bukeng ya Baebele e Ruta Eng? ka go dirisa boroutšhara jwa Molaetsa wa Baebele.—2 Tim. 3:15.