Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka December
“Ke solofela gore o tla dumalana le nna gore mongwe le mongwe o tlhoka ditsala. Ke nonofo efe e wena o e tsayang e le botlhokwa thata mo tsaleng? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore makasine ono wa reng malebana le lebaka la go bo re tshwanetse go tlhopha ditsala tsa rona ka kelotlhoko.” Neela mong wa ntlo khopi ya Tora ya Tebelo ya December 1 mme o bale le go tlotla le ene ka tshedimosetso e e ka fa tlase ga setlhogwana sa ntlha se se mo tsebe 16. Bala bobotlana nngwe ya ditemana. Mo tsamaisetse dimakasine mme o bo o dira dithulaganyo tsa go boa gore lo tle go tlotla ka karabo ya potso e e latelang.
Tora ya Tebelo December 1
“A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa go ile ga nna le masetlapelo a dilo tsa tlholego a le mantsi jaana? [Mo letle gore a arabe.] Se se kgatlhang ke gore, Baebele e ile ya bolelela pele nako e e neng e tla bonala ka masetlapelo. [Bala Mathaio 24:7, 8.] Makasine ono o araba dipotso tseno: Ke eng fa re bona masetlapelo a tlholego a mantsi jaana gompieno? A ke kotlhao e e tswang kwa Modimong? Go na le mabaka afe a a dirang gore re dumele gore Modimo o tla tloga a fedisa masetlapelo otlhe a tlholego.”
Tsogang! December
Bala 2 Timotheo 3:16. Go tswa foo, o bo o re: “Batho bangwe ba dumela gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo fa ba bangwe bone ba sa dumele jalo. O akanya eng? [Mo letle gore a arabe.] Le fa batho ba na le maikutlo a a farologaneng ka potso eo, gantsi go dumelwa gore ga go na buka epe e nngwe e go ilweng ga dirwa maiteko a mantsi jaana a go e fedisa. Makasine ono o tlhalosa maiteko mangwe a a dirilweng go fedisa Baebele le go thibela batho go e bala go ralala makgolokgolo a dingwaga. Gape o tlhalosa lebaka la go bo e ile ya tswelela e le teng.”