LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/12 ts. 4
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Dikai Tsa Dipuisano
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
km 11/12 ts. 4

Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang

Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka December

“Mo nakong eno ya ngwaga, batho ba le bantsi ba akanya ka ga Jesu. O akanya gore ke selo sefe se segolo se Jesu a se fitlheletseng? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko setlhogo se se mo go tsebe 16.” Naya mong wa ntlo makasine wa Tora ya Tebelo wa December 1 o bo o tlotle le ene ka tshedimosetso e e mo go sengwe sa ditlhogwana le bobotlana temana e le nngwe ya tse di nopotsweng. Mo neye dimakasine o bo o rulaganya go boa lo tla go tlotla ka potso e e latelang.

Tora ya Tebelo December 1

“Mo pakeng eno, batho ba le bantsi ba nna le moya wa Keresemose. O akanya gore ke ntlha efe mo go tseno e e tlhotlheletsang moya oo thata? [Mmontshe lenaane le le mo go tsebe 3 o bo o mo letle gore a arabe. Go tswa foo, bula setlhogo se se tsamaisanang le karabo ya gagwe o bo o bala temana ya setlhogo.] Makasine ono o tlotla ka ditsela tse di molemo tse ka tsone re ka gakologelwang Jesu ngwaga otlhe, e seng fela ka nako ya Keresemose.”

Tsogang! December

“Re etela batho ka gonne ba ngomogile pelo e bile ba le mo kgatelelong. A o akanya gore batho ba fela pelo ka bonako mo nakong e re tshelang mo go yone? [Mo letle gore a arabe.] Batho bangwe ba dumela gore re tshela mo motlheng o o ngomolang pelo o o boleletsweng pele mono mo go 2 Timotheo 3:1. [E bale] Makasine ono o tlhalosa lebaka la go bo go tlhoka bopelotelele go le kotsi e bile o naya dikakantsho tsa kafa re ka oketsang go nna pelotelele ka gone.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela