LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/14 ts. 4
  • Dikai Tsa Dipuisano

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikai Tsa Dipuisano
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
km 11/14 ts. 4

Dikai Tsa Dipuisano

Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka Sedimonthole

“Re etela malapa. Batsadi ba bantsi ba batla gore bana ba bone ba rate Modimo. A o akanya gore batsadi ba tshwanetse go ruta bana ba bone go rata Modimo kgotsa gore a bana ba tshwanetse go dira jalo ka bobone?” [Mo letle gore a arabe.] Mmontshe tsebe e e ka fa morago ya Tora ya Tebelo ya Sedimonthole 1, lo bo lo sekaseka mmogo tshedimosetso e e ka fa tlase ga potso ya ntlha le bobotlana temana e le nngwe mo go tse di umakilweng. Mo neye dimakasine o bo o dira dithulaganyo tsa go boa gore lo tle go tlotla ka potso e e latelang.

Tora ya Tebelo Sedimonthole 1

“Re etela batho ka bokhutshwane gore re tlotle le bone ka Modimo. Re a itse gore batho ba na le dikakanyo tse di farologaneng ka Modimo. A o akanya gore batho ba bantsi ba mo tsaya e le maatla fela a tlholego a a se nang maikutlo kgotsa e le tsala e e amegang ka bone? [Mo letle gore a arabe.] Temana eno ya Baebele e re bolelela gore Modimo o batla gore re nne le kamano e e ntseng jang le ene. [Bala Jakobe 4:8a.] Makasine ono o bontsha dilo tse tharo tse re ka di dirang gore re atamalane le Modimo.”

Tsogang! Sedimonthole

“Re go etetse ka bokhutshwane ka gonne re amegile ka bothata bongwe jwa botsogo jo bo ntseng bo anama. Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo wa re bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong, bo tla tshwara motho a le mongwe mo go ba le banè. A o akanya gore malwetse a tlhaloganyo a anama thata? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e re solofetsa gore mo isagweng go tla bo go se na bolwetse le botlhoko. [Bala Tshenolo 21:3, 4.] Makasine ono o bontsha dilo di le mmalwa tse batho botlhe ba tshwanetseng go di itse ka malwetse a tlhaloganyo.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela