Rulaganya Gone Jaanong go Oketsa Bodiredi Jwa Gago
1. Ke eng se se botlhokwa ka paka ya Segopotso mme re ka se ipaakanyetsa jang?
1 Paka nngwe le nngwe ya Segopotso e re naya ditshono tse disha tsa go “baka Jehofa thata.” (Pes. 109:30) A o tla oketsa bodiredi jwa gago ka March e le tsela nngwe ya go bontsha gore o anaanela Monei wa thekololo? Gone jaanong ke nako ya gore o simolole go dira dithulaganyo.—Dia. 21:5.
2. Wena le ba bangwe lo ile lwa tsibogela jang thulaganyo ya gore babulatsela ba ba thusang ba dire diura tse di fokoditsweng ka April ngogola?
2 Bobulatsela jo bo Thusang: Ngogola diphuthego di ne di itumetse fela thata fa di ne di utlwa ka thulaganyo ya gore babulatsela ba ba thusang ba ka kgona go dira diura tse di fokoditsweng ka April. Mokaulengwe mongwe o ne a kwala jaana: “Ke sa ntse ke le kwa sekolong se segolwane mme ga ke kgone go tsaya bobulatsela jwa ka metlha. Le fa go ntse jalo, ke tlile go kopa go tsaya bobulatsela jwa diura tse 30 mo kgweding ya April mme ke bo ke leka go dira diura tse 50.” Kgaitsadi mongwe yo o dirang tiro ya boitshediso ka metlha o ne a kwala jaana: “Diura tse 30—ruri motho a ka di kgona!” Fa go ne go itsisiwe ka thulaganyo eno, kgaitsadi mongwe yo o kileng a nna mmulatsela, yo jaanong a leng mo dingwageng tsa bo80, o ne a re: “Eno ke nako e ke sa bolong go e emela! Jehofa o ne a itse gore ke itumeletse nako e ke neng ke le mmulatsela ka yone fela thata!” Ba bangwe ba ba neng ba se ka ba kgona go tsaya bobulatsela jo bo thusang ba ne ba ipeela mekgele ya go oketsa bodiredi jwa bone.
3. Ke mabaka afe a a ka dirang gore re akanyetse go tsaya bobulatsela jo bo thusang ka March, April le May?
3 Kgwedi ya March e tla nna kgwedi e e molemolemo ya go tsaya bobulatsela jo bo thusang ka gonne re tla boa gape re kgona go itlhophela go dira diura tse 30 kgotsa tse 50. Mo godimo ga moo, go simolola ka Matlhatso, March 17, re tla nna le seabe mo letsholong le le kgethegileng la go laletsa ba bangwe gore ba kopanele le rona mo Segopotsong ka April 5. Ba le bantsi ba tla itumelela tiro e e oketsegileng e ba tla e dirang mo bodireding mo e leng gore ba tla batla go tsaya bobulatsela jo bo thusang le ka April le May, ba dira diura tse 50 tse di tlhokegang.
4. Re ka oketsa jang seabe sa rona mo bodireding mme re tla nna le matswela afe?
4 Ke eng lo sa dirise maitseboa a a latelang a Kobamelo ya Lelapa go tlotla kafa mongwe le mongwe mo lelapeng a ka oketsang bodiredi jwa gagwe ka teng ka paka ya Segopotso? (Dia. 15:22) Kopa Jehofa gore a segofatse maiteko a gago. (1 Joh. 3:22) Fa o ntse o oketsa bodiredi jwa gago, ga o ne o oketsa fela tsela e o bakang Jehofa ka yone mme gape o tla dira gore o itumele le go feta.—2 Bakor. 9:6.