Dira Gore Paka Eno ya Segopotso e Nne e e Itumedisang!
1. Tsela nngwe e re ka dirang gore re itumele le go feta ka yone mo pakeng eno ya Segopotso ke efe?
1 A o ka rata go dira gore o itumele le go feta ka Mopitlwe, Moranang le Motsheganong? Tsela nngwe ya go dira jalo ke ka go oketsa bodiredi jwa gago, mme fa go kgonega le go tsaya bobulatsela jo bo thusang. Seno se tla dira jang gore o itumele le go feta?
2. Go oketsa bodiredi jwa rona go tla dira jang gore re itumele le go feta?
2 Dira Gore o Itumele le go Feta: Jehofa o re bopile gore re kgone go itumela le go kgotsofadiwa ke go mo obamela fa re ntse re kgotsofatsa keletso e re tsholwang re na le yone ya dilo tsa semoya. (Math. 5:3) Gape o re dirile ka tsela ya gore re itumedisiwe ke go abela batho ba bangwe. (Dit. 20:35) Bodiredi bo re letla gore re dire dilo tseno ka bobedi—go obamela Modimo le go thusa batho. Go a utlwala gore go dira mo go oketsegileng mo bodireding go tlisa boitumelo jo bo oketsegileng. Mo godimo ga moo, fa re rera mo go oketsegileng re ka nna le bokgoni le go feta. Fa bokgoni jwa rona bo ntse bo tokafala, re itshepa go feta pele mme ga re tlhole re tshoga jaaka pele. Re tla nna le ditshono tse di oketsegileng tsa go neela bosupi le go simolola dithuto tsa Baebele. Dilo tseno tsotlhe di dira gore bodiredi bo itumedise le go feta.
3. Ke ka ntlha yang fa Mopitlwe le Moranang e tla nna dikgwedi tse di molemolemo tsa go tsaya bobulatsela jo bo thusang?
3 Mopitlwe le Moranang e tla nna dikgwedi tse di molemolemo tse re ka tsayang bobulatsela jo bo thusang ka tsone ka gonne re ka tlhopha gore a re tla dira diura di le 30 kgotsa di le 50. Mo godimo ga moo, go simolola ka Matlhatso, Mopitlwe 22, go fitlha ka letsatsi la Segopotso, ka Mantaga, Moranang 14, re tla nna le seabe mo letsholong le le itumedisang la go laletsa batho ba bangwe gore ba tle Segopotsong. Go tla bo go rena boitumelo mo diphuthegong e re ka ba le bantsi ba tla bo ba bereka “ba le seoposengwe” gore ba dire tshimo e ntsi kafa go ka kgonegang ka gone mo lobakeng lo lo beilweng lwa nako.—Sefa. 3:9.
4. Fa re batla go tsaya bobulatsela jo bo thusang, re tshwanetse go dirang?
4 Ipaakanye Gone Jaanong: Fa e le gore ga o ise o dire jalo, iphe nako ya go sekaseka thulaganyo ya gago mme o bone gore o ka dira diphetogo dife go oketsa bodiredi jwa gago mo kgweding e le nngwe kgotsa go feta. Rapela ka gone. (Jak. 1:5) Tlotla ka gone le ba lelapa la gago le batho ba bangwe mo phuthegong. (Dia. 15:22) O ka nna wa fitlhela gore le fa o na le mathata a botsogo kgotsa o na le tiro ya nako e e tletseng, le wena o ka bona boitumelo jo bo tlisiwang ke go tsaya bobulatsela jo bo thusang.
5. Go tla nna le diphelelo dife fa re oketsa bodiredi jwa rona mo pakeng eno ya Segopotso?
5 Jehofa o batla gore batlhanka ba gagwe ba itumele. (Pes. 32:11) Fa re dira ka natla go oketsa bodiredi jwa rona mo pakeng eno ya Segopotso, ga re ne re oketsa boitumelo jwa rona fela mme gape re tla itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong.—Dia. 23:24; 27:11.