A o Tla Nna Mmulatsela yo o Thusang?
1. Ke ka ntlha yang fa paka ya Segopotso e le nako e e molemo ya go oketsa bodiredi jwa rona?
1 Paka ya Segopotso ke nako e e molemo ya go oketsa bodiredi jwa rona. Ke nako ya go gopola lorato lo logolo lo Jehofa a lo re bontshitseng ka go ntsha Morwawe go nna thekololo. (Joh. 3:16) Seno se dira gore re nne le kanaanelo e kgolo ka ntlha ya se Jehofa a se re diretseng mme go dira gore re eletse thata go bolelela ba bangwe ka ga gagwe le se a se direlang batho. (Isa. 12:4, 5; Luke 6:45) E bile ke nako ya gore re itumelele letsholo le le kgethegileng la go laletsa batho ba re ba itseng mo tshimong ya rona gore ba nne teng kwa Segopotsong le rona. Morago ga foo, re tla leka go tswelela re tsosa kgatlhego ya batho ba ba neng ba le teng. A o tla oketsa bodiredi jwa gago ka go nna mmulatsela yo o thusang ka March, April, kgotsa ka May?
2. Ke eng se se dirang gore March e nne kgwedi e e molemo thata ya go nna mmulatsela yo o thusang?
2 Dira March Kgwedi e e Kgethegileng: March e tla bo e le kgwedi e e molemo ya go nna mmulatsela yo o thusang. Ba ba ikwadisang ba ka tlhopha go dira diura di le 30 kgotsa di le 50. Fa ketelo ya molebedi wa potologo e nna ka kgwedi ya March, babulatsela ba ba thusang ba ka nna teng mo pokanong yotlhe e a nnang le yone le babulatsela ba ka metlha le ba ba kgethegileng. Lobaka lwa letsholo la go laletsa batho go tla Segopotsong se se tla tshwarwang ka Labobedi, March 26, 2013, lo okeditswe gore lo nne loleele go feta mo dingwageng tse di fetileng mme le tla simolola ka March 1. Mo godimo ga moo, kgwedi ya March e na le mafelobeke a le matlhano. Ka jalo, ke ka ntlha yang fa o sa sekaseke maemo a gago go bona gore a o ka kgona go nna le seabe mo go direng gore kgwedi eno e nne e e kgethegileng mo ngwageng?
3. Re ka dira jang dithulaganyo tsa gore re oketse tirelo ya rona?
3 Dira Dithulaganyo Gone Jaanong: Jaanong ke nako ya gore o sekaseke thulaganyo ya gago le go bona gore o tlhoka go dira diphetogo dife gore o kgone go nna mmulatsela. Go botlhokwa gore lelapa le dirisane mmogo, ka jalo, ipheng nako ka maitseboa a Kobamelo ya Lelapa go tlotla ka mekgele ya lelapa lo bo lo dira dithulaganyo. (Dia. 15:22) Fa e le gore ga o kgone go nna mmulatsela yo o thusang, o se ka wa kgobega marapo. A o ka kgona go fetola thulaganyo ya gago gore o bereke lobakanyana mo malatsing a o yang bodireding ka one? A o ka kgona go oketsa tirelo ya gago ka letsatsi le le lengwe mo bekeng?
4. Re tla solegelwa molemo jang ke go oketsa bodiredi jwa rona ka March, April le May?
4 Fa re ntse re oketsa tiro ya rona ka dikgwedi tsa March, April le May, re tla oketsa boipelo jwa rona le kgotsofalo tse di leriwang ke go direla Jehofa le go abela ba bangwe. (Joh. 4:34; Dit. 20:35) Se se botlhokwa le go feta ke gore go intsha setlhabelo ga rona go tla leretse Jehofa boipelo.—Dia. 27:11.