Madi a Mabedi a Tshipi a Boleng jo bo Kwa Tlase
Tsela e e botlhokwa e re emang dilo tsa Bogosi nokeng ka yone ke ka go ntshetsa tiro ya go rera ya lefatshe lotlhe moneelo wa madi. Gotweng fa e le gore ga re a itsholela?
Ka nako nngwe Jesu o ne a bona motlholagadi mongwe wa mohumanegi a neela ka madi a mabedi a tshipi a boleng jo bo kwa tlase kwa letloleng la tempele. Tsela e a neng a rata Jehofa ka yone e ile ya mo tlhotlheletsa gore a ntshe “go tswa mo letlhokong la gagwe, . . . gotlhe mo a neng a na le gone, gotlhe mo a tshelang ka gone.” (Mar. 12:41-44) Lebaka la go bo Jesu a ile a umaka seno go bolela gore moneelo wa motlholagadi yoo o ne o na le boleng jo bogolo mo matlhong a Modimo. Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ga ba ka ba leba boikarabelo jwa go ema nokeng bodiredi ka madi e le tshiamelo ya Bakeresete ba ba itsholetseng fela. Moaposetoloi Paulo o ne a nopola sekai sa batho ba kwa Makedonia le fa go ne go na le “lehuma le legolo . . . ba nna ba re kopa tshiamelo ya go aba ka bopelonomi ba rapela thata.”—2 Bakor. 8:1-4.
Ka jalo, le fa re ka neela ka ‘madi a mabedi a tshipi a boleng jo bo kwa tlase,’ re tshwanetse go gakologelwa gore moneelo o monnye o ka oketsa o mongwe go nna madi a mantsi. Fa re ntsha moneelo go tswa pelong go tla ipedisa Rraarona yo o pelotshweu yo o kwa legodimo, gonne “Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.”—2 Bakor. 9:7.