Dikai Tsa di Puisano Tse di ka Dirisiwang
Ka Nako ya Letsholo la go Tsamaisa Dipampitshana Tsa Taletso
“Re tlile go naya ba lelapa la gago taletso eno e e botlhokwa ya segopotso se se tshwarwang ngwaga le ngwaga se se tla tshwarwang mo lefatsheng lotlhe ka March 26. Letlha leno ke la segopotso sa loso lwa ga Jesu. Go tla neelwa puo ya Baebele e e tla tlhalosang kafa loso lwa gagwe lo re thusang ka teng. Pampitshana eno ya taletso e bontsha aterese le nako e pokano eno e tla tshwarwang ka yone mo lefelong la rona.”
Tora ya Tebelo March 1
“Bangwe ba ile ba botsa potso eno, ‘Re itse jang gore tota Jesu o ne a tsosiwa?’ A o kile wa ipotsa ka gone? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore ke ka ntlha yang fa karabo ya potso eno e le botlhokwa. [Bala 1 Bakorintha 15:14.] Makasine ono o tlhalosa kafa re itseng ka teng gore tsogo e ne e se maaka.”
Tsogang! March
“A o ka dumalana le nna gore ga go motlhofo go godisa lelapa mo nakong e re tshelang mo go yone? [Mo letle gore a arabe.] Batsadi ba le bantsi ba bone kgakololo e e molemo mo Baebeleng. Ka sekai, temana eno e ile ya thusa borre go batla ditshono tsa go akgola bana ba bone le go ba thusa gore ba itshepe. [Bala Bakolosa 3:21.] Setlhogo seno se tlhalosa melaometheo e le metlhano e e ka thusang borre.”