Letsholo la go Itsise ka Segopotso le Simolola ka March 17
1. Go tla simolola letsholo lefe ka March 17?
1 Ngwaga le ngwaga Segopotso se dira gore go bolelwe ka loso lwa ga Jesu. (1 Bakor. 11:26) Ka jalo, re batla gore ba bangwe ba kopanele le rona mme ba utlwe ka mpho e e lorato ya thekololo e e tswang kwa go Jehofa. (Joh. 3:16) Monongwaga letsholo la rona la go laletsa batho go tla Segopotsong le tla simolola ka Matlhatso, March 17. A o lebile pele go dira sotlhe se o ka se kgonang mo letsholong leno?
2. Re ka reng fa re tsamaisa taletso?
2 Se re Ka se Buang: Go molemo go dira tlhaloso e khutshwane. Re ka nna ra re: “Dumela. Re tliseditse lelapa la lona taletso eno ya tiragalo ya botlhokwa ya ngwaga le ngwaga e e tla tshwarwang mo lefatsheng lotlhe ka April 5. Go tla neelwa puo ya mahala ya Baebele e e tla tlhalosang se loso lwa ga Jesu lo se fitlheletseng le gore o dira eng gone jaanong. Taletso eno e bontsha aterese le nako e pokano eno e tla tshwarwang ka yone mo lefelong la rona.” Fa re tsamaisa ditaletso tseno mo mafelobekeng, re tshwanetse go tsamaisa le dimakasine fa go tshwanela.
3. Re ka dira jang gore re laletse batho ba le bantsi kafa go ka kgonegang ka teng?
3 Laletsa Batho ba le Bantsi Kafa go ka Kgonegang ka Teng: Mokgele wa rona ke go laletsa batho ba le bantsi kafa go ka kgonegang ka teng. Ka jalo, tlhomamisa gore o laletsa batho ba o ithutang Baebele le bone, batho ba o boelang kwa go bone, ba masika, batho ba o berekang le bone, ba o tsenang sekolo le bone, baagelani le batho ba bangwe ba o ba itseng. Bagolwane ba phuthego ya lona ba tla lo kaela gore lo ka dira tshimo ya lona yotlhe jang. Letsholo la rona la ngwaga le ngwaga la go laletsa batho kwa Segopotsong le nna le matswela. Fa mosadi mongwe a ne a tsena mo lefelong le Segopotso se neng se tshwaretswe mo go lone ngogola, motlhokomedi mongwe o ne a ithaopela go mo thusa go batla mmoledi yo a neng a mo laleditse. Le fa go ntse jalo, mosadi yono o ne a re o ne a sa itse ope koo mme o ne a neilwe taletso ke mongwe yo o neng a tsamaya ka ntlo le ntlo pelenyana mo letsatsing leo.
4. Ke mabaka afe a a dirang gore re nne le seabe ka tlhoafalo mo letsholong leno?
4 Gongwe mongwe o tla tla Segopotsong sa lona ka gonne o mo neile taletso. Le fa batho ba o ba laleditseng ba ka tla kgotsa ba ka se ka ba tla, maiteko a gago a magolo a sa ntse a tla neela bosupi. Ditaletso tse o tla di neelang batho di tla itsise gore jaanong Jesu ke Kgosi e e maatla. Fa o nna le seabe ka tlhoafalo, seo se tla bontsha botlhe—ba ba mo tshimong ya lona, baboledi ba bangwe mme segolobogolo Jehofa—gore o anaanela mpho ya thekololo thata.—Bakol. 3:15.