Letsholo la go Itsise ka Segopotso le Simolola ka March 1
1. Re tlile go simolola leng go itsise ka Segopotso mme ke ka ntlha yang fa letsholo leno le tla tsaya nako e telelenyana monongwaga?
1 Ka Labotlhano, March 1, re tla simolola letsholo la rona la ngwaga le ngwaga la go laletsa batho ba bangwe go kopanela le rona mo Segopotsong. Segopotso se tla nna ka March 26, se se rayang gore letsholo le tla tsaya nako e telelenyana go feta dingwaga tse di fetileng. Seno se tla dira gore batho ba le bantsi ba kgone go bona dipampitshana tsa taletso, segolobogolo fa e le gore ba nna mo lefelong le phuthego e nang le tshimo e kgolo mo go lone.
2. Ke dithulaganyo dife tse di dirilweng tsa gore re bone dipampitshana tsa taletso le go bereka tshimo yotlhe?
2 Go Dira Dithulaganyo: Bagolwane ba tla neela dikaelo tsa kafa tshimo e tla berekiwang yotlhe ka teng le gore a dipampitshana tsa taletso di tshwanetse go tlogelwa mo go se nang batho gone. Fa go sa ntse go na le dipampitshana tsa taletso tse di setseng fa lo sena go wetsa tirelo ya ntlo le ntlo, lo ka di tsamaisa mo tirong ya mmila. Molebedi wa tirelo o tla tlhomamisa gore dipampitshana tsa taletso tse di kwadilweng diaterese di bewa mo khaontareng ya dibuka kgotsa ya dimakasine gore baboledi ba kgone go di itseela mme dipampitshana tseno tsa taletso di ka se ntshiwe tsotlhe ka nako e le nngwe. Re tshwanetse go tsaya dipampitshana tse re tla di tlhokang fela ka beke.
3. Re tshwanetse go gakologelwa eng fa re tsamaisa dipampitshana tsa taletso?
3 Re Tla Reng? Go molemo go bua ka bokhutshwane, ka gonne seno se tla dira gore re kgone go fitlhelela batho ba le bantsi ka mo go kgonegang ka teng. Mo tsebe 4 go na le sekai sa puisano se re ka se fetolang go ya ka tshimo ya rona. Le fa go ntse jalo, ga re tlhoke go itlhaganelela go tsamaya fa mong wa ntlo a le botsalano kgotsa a batla go botsa dipotso. Fa re nna le seabe mo go tsamaiseng dipampitshana tsa taletso ka mafelobeke, re ka nna ra tsamaisa le dimakasine fa go tshwanela. Ka March 2, re tla tlhoma mogopolo mo go tsamaiseng dipampitshana tsa taletso go na le go simolola dithuto tsa Baebele.
4. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna le seabe ka tlhoafalo mo letsholong leno?
4 Re solofela gore ba le bantsi ba tla kopanela le rona ka nako ya Segopotso. Puo e tla tlhalosa gore tota Jesu ke mang. (1 Bakor. 11:26) E tla tlhalosa kafa loso lwa gagwe lo re thusang ka teng. (Bar. 6:23) E bile e tla gatelela lebaka la go bo go le botlhokwa gore re mo gopole. (Joh. 17:3) E kete re ka nna le seabe ka tlhoafalo mo letsholong leno!