Letsholo la go Laletsa Batho go Tla Segopotsong le Tla Simolola ka Mopitlwe 22
Monongwaga letsholo la rona la go laletsa batho gore ba tle Segopotsong le tla simolola ka Matlhatso, Mopitlwe 22. Rotlhe re kgothalediwa go nna le seabe ka botlalo. Ka mafelobeke, fa go tshwanela, re tla tsamaisa le dimakasine tse di tsamaisiwang. Ka Matlhatso wa ntlha ka Moranang, re tla tlhoma mogopolo mo go anamiseng ditaletso go na le go simolola dithuto tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, fa re kopana le mongwe yo o bontshang kgatlhego thata, re sa ntse re ka leka go simolola thuto ya Baebele le ene. Molebedi wa tirelo a ka sekaseka go bona gore a go tsamaisa ditaletso ka nako ya go rera phatlalatsa go ka thusa phuthego go fitlhelela batho ba ba oketsegileng mo tshimong. Dira lenaane gone jaanong la ba masika, badiri ka wena, ba o tsenang sekolo le bone, batho ba e leng maeto a go boela le batho ba bangwe ba o ba itseng ba o ka ratang go ba laletsa mme o ba neye ditaletso fa letsholo le simolola. Re solofela gore ba le bantsi ba tla nna le rona fa re gopola ditsela tse pedi tse dikgolo go gaisa tse re bontshitsweng lorato ka tsone.—Joh. 3:16; 15:13.