Go Tsamaisiwa ga Dipampitshana Tsa Taletso ya Segopotso go Tla Simolola ka April 2
1. Re tla tsamaisa dipampitshana tsa taletso ya Segopotso sa monongwaga leng mme botlhokwa jwa letsholo leno la ngwaga le ngwaga ke bofe?
1 Go simolola ka April 2 go ya go April 17, re tla tsamaisa dipampitshana tsa taletso ya tiragalo e e botlhokwa go gaisa mo ngwageng—Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Mo nakong e e fetileng, batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang ba ile ba tsibogela letsholo leno la ngwaga le ngwaga sentle. Ka sekai, ka letsatsi la Segopotso, mosadi mongwe o ne a founela ofisi ya lekala mme a re: “Ke sa tswa go goroga mo gae mme ke ne ka fitlhela pampitshana ya taletso ka fa tlase ga kgoro ya me. Ke batla go ya mme ga ke a tlhomamisega ka nako.” Mokaulengwe o ne a mo tlhalosetsa gore a ka bona kae tshedimosetso eno mo pampitshaneng ya taletso. Mosadi yono o ne a feleletsa motlotlo wa gagwe ka go solofetsa jaana: “Ke tla ya kwa Segopotsong sa lona maitseboeng ano!”
2. Re ka reng fa re buelela pampitshana ya taletso?
2 Kafa re Tla go Dirang ka Teng: E re ka re na le nako e e lekanyeditsweng ya go bereka tshimo yotlhe, go molemo gore re bue ka bokhutshwane. Re ka nna ra re: “Dumelang. Re batla go naya lelapa la gago pampitshana eno ya taletso ya segopotso sa botlhokwa sa ngwaga le ngwaga se se tla bong se tshwerwe mo lefatsheng lotlhe ka Sontaga, April 17. [Neela mong wa ntlo pampitshana ya taletso.] Letlha leo ke segopotso sa loso lwa ga Jesu. Go tla neelwa puo ya mahala ya Baebele e e tlhalosang kafa re ka solegelwang molemo ka gone ke thekololo ya ga Keresete. Pampitshana eno ya taletso e bontsha aterese le nako e pokano eno e tla bong e tshwerwe ka yone mo lefelong la rona.”
3. Re ka laletsa jang batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone?
3 Fa phuthego ya lona e na le tshimo e kgolo, bagolwane ba ka lo kgothaletsa gore lo tlogele dipampitshana tsa taletso mo matlong a go se nang batho mo go one, fa fela di ka bewa mo di ka se kang tsa bonwa ke batho ba ba fetang gone. Tlhomamisa gore o laletsa batho ba o boelang kwa go bone, ba masika, ba o berekang le bone, ba o tsenang sekolo le bone le batho ba bangwe ba o ba tlwaetseng. Fa lo tsamaisa dipampitshana tsa taletso ka mafelobeke, tsamaisa le dimakasine fa go tshwanela. A o ka kgona go nna mmulatsela yo o thusang ka April mme o nne le seabe se segolwane mo letsholong leno le le itumedisang?
4. Ke eng fa re batla gore batho ba ba kgatlhegang ba kopanele le rona mo Segopotsong?
4 Abo batho ba ba kgatlhegang ba ba tla nnang gone ba tla neelwa bosupi jo bo maatla jang ne! Ba tla utlwa ka lorato lo logolo lo Jehofa a ileng a lo bontsha ka go ntsha thekololo. (Joh. 3:16) Ba tla ithuta kafa Bogosi jwa Modimo bo tla solegelang batho molemo ka gone. (Isa. 65:21-23) Gape ba tla kopiwa gore ba bue le batlhokomedi go kopa thuto ya Baebele gore ba tle ba ithute mo go oketsegileng. Re rapela gore batho ba le bantsi ba ba kgatlhegelang go ithuta ka Jehofa ba tsibogele taletso eno mme ba kopanele le rona mo Segopotsong!