Dipampitshana Tsa Taletso ya Segopotso Tse di Tla Tsamaisiwang Lefatshe Lotlhe!
1. Go rulagantswe letsholo lefe le le kgethegileng pele ga Segopotso?
1 “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (Luke 22:19) E le go ikobela taelo eno ya ga Jesu, baobamedi ba ga Jehofa ba tla kopana mmogo le batho ba ba kgatlhegang ka March 30, 2010, go gopola loso lwa ga Jesu. Go tla bo go tsamaisiwa pampitshana ya taletso ya Segopotso e e kgethegileng mo lefatsheng lotlhe go tloga ka March 13 go ya go March 30.
2. Re ka tsamaisa jang pampitshana eno ya taletso?
2 Kafa O ka Go Dirang ka Teng: O ka nna wa naya mong wa ntlo pampitshana ya taletso gore a kgone go bona setshwantsho se se kafa ntle mme o bo o re: “Mo maitseboeng a March 30, dimilione tsa batho go ralala lefatshe di tla kopana mmogo go gopola loso lwa ga Jesu. Ke tlile fano go tla go naya wena le ba lelapa la gago taletso eno gore lo nne teng. O ka nna wa laletsa le ditsala tsa gago” Go ikaegile ka maemo, o ka nna wa tlhopha go mmontsha taelo eno go tswa mo Dikwalong, o bo o mmolelela kwa tiragalo eno e tla tshwarelwang gone le nako. Le fa go ntse jalo, gakologelwa, e re ka re na le nako e khutshwane ya go bereka tshimo yotlhe, go botoka go bua ka bokhutshwane.
3. Re ka laletsa bomang?
3 Fa phuthego ya lona e na le tshimo e kgolo, bagolwane ba ka nna ba lo kgothaletsa gore lo tlogele dipampitshana tsa taletso mo matlong a go se nang batho mo loetong lwa ntlha. Fa go tshwanela, tsamaisa dimakasine mmogo le dipampitshana tsa taletso. Tlhomamisega gore o laletsa batho ba o dirileng maeto a go boela mo go bone, baithuti ba Baebele, badirimmogo, ba o tsenang sekolo le bone, ba losika, baagelani le batho ba bangwe ba o ba itseng.
4. Go anaanela ga rona lorato lo Jehofa a lo re bontshitseng ka go ntsha setlhabelo go tla re tlhotlheletsa go dira eng?
4 Ipaakanyetse go Nna le Seabe ka Botlalo: Paka ya Segopotso ke nako e e tshwanelang sentle ya gore re oketse bodiredi jwa rona. A o ka kgona go fetola dithulaganyo tsa gago gore o nne mmulatsela yo o thusang? A o na le bana kgotsa baithuti ba Baebele ba ba dirang kgatelopele e ntle ya semoya? Fa e le gore go ntse jalo, bua le bagolwane go bona gore a batho bano ba basha ba ka tshwanelega go kopanela mo letsholong le le kgethegileng leno e le baboledi ba ba sa kolobediwang. Go anaanela ga rona lorato lo Jehofa a lo re bontshitseng ka go ntsha setlhabelo go ka se re tlhotlheletse fela go nna gone kwa Segopotsong mme gape go tla dira gore re laletse batho ba le bantsi ka mo re ka kgonang ka teng gore ba kopanele mmogo le rona.—Joh. 3:16.