Kafa re ka Dirisang Boroutshara Jwa Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno? ka Teng.
Boroutšhara jo Bosha jo bo Diretsweng go Kaela Baithuti ba Baebele mo Phuthegong
1. Go na le mabaka afe a le mararo a go bo boroutšhara jwa Thato ya ga Jehofa bo gatisitswe?
1 A o setse o simolotse go dirisa boroutšhara jo bosha jwa Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno? Boikaelelo jwa jone ke (1) go thusa baithuti ba Baebele gore ba itse Basupi ba ga Jehofa sentle, (2) go ba thusa go ithuta ka dilo tse re di dirang le (3) go ba bontsha gore phuthego ya rona e dira dilo jang. Boroutšhara jwa Thato ya ga Jehofa bo na le dithuto tse fitlhelwang mo tsebeng e le nngwe tse di ka kgonang go ithutiwa mo metsotsong e le metlhano go ya go e le lesome kwa bokhutlong jwa thuto nngwe le nngwe.
2. Tlhalosa kafa boroutšhara jono bo dirilweng ka gone.
2 Kafa bo Dirilweng ka Teng: Boroutšhara jono bo kgaogantswe ka dikarolo di le tharo mme nngwe le nngwe ya tsone e bua ka dikarolo tse di farologaneng tse di umakilweng fa godimo ka phuthego ya ga Jehofa. Ditlhogo tsa dithuto tsotlhe tse 28 ke dipotso mme ditlhogwana tse di kwadilweng ka bontsho jo bo tseneletseng tse di fa tlase ke dikarabo tsa dipotso tseo. Ditshwantsho tse di tswang mo dinageng tse di fetang 50, di na le maina a dinaga tseo go bontsha tiro e ntsi e re e dirang mo lefatsheng lotlhe. Dithuto di le mmalwa di na le mabokoso a a nang le setlhogo se se reng “Ithute mo go Oketsegileng,” a a nang le dikakantsho tse o ka kgothaletsang motho yo o ithutang le ene gore a di dirise.
3. Re ka dirisa jang boroutšhara jwa Thato ya ga Jehofa?
3 Kafa O ka Bo Dirisang ka Teng: Simolola ka go ba bontsha potso e e leng setlhogo sa thuto. Go tswa foo, fa lo ntse lo bala gatelela ditlhogwana tse di kwadilweng ka bontsho jo bo tseneletseng. Kwa bofelong, sekaseka dipotso tsa poeletso tse di kwa tlase. Lo ka bala thuto yotlhe ka nako e le nngwe kgotsa lo ka e bala lo ntse lo tlotla ka dikarolo dingwe tsa yone. Dirisa botlhale fa o tlhopha ditemana tse di umakilweng tse lo tla di balang. O se ka wa lebala go sekaseka ditshwantsho le mabokoso a “Ithute mo go Oketsegileng.” Gantsi, dithuto di tshwanetse go balwa ka go latelana ga tsone. Le fa go ntse jalo, o ka fetela kwa thutong e e kwa pele fa e le gore go na le sengwe se lo tlhokang go tlotla ka sone ka bonako. Ka sekai, fa kopano e le gaufi lo ka nna lwa bala thuto 11.
4. Ke ka ntlha yang fa o itumeletse go nna le sedirisiwa seno se sesha?
4 Fa re ithuta Baebele le mongwe, re mo thusa gore a itse Rraarona yo o kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, gape re tshwanetse go mo ruta ka phuthego ya ga Jehofa. (Dia. 6:20) Ruri re itumelela go bo re na le sedirisiwa seno se se dirang gore go nne motlhofo go dira jalo!