LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/13 ts. 4-6
  • Maitemogelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Maitemogelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Kafa re ka Dirisang Boroutšhara Jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! ka Teng.”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Go Tlhagolela Kgatlhego mo Molaetseng wa Bogosi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Etsa Jehofa ka go Amega ka ba Bangwe ka Tsela ya Mmatota
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Bolela Mafoko a a Molemo a Bogosi ka Diboroutšhara
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
km 12/13 ts. 4-6

Maitemogelo

◼ Australia: Monna mongwe yo o rutegileng e bong John, o ne a tsena kereke fa a sa le ngwana mme morago a nna “molatolamodimo yo mogolo.” Mmulatsela mongwe o ne a mo tlogelela boroutšhara jwa Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi? mme fa a mo etela gape a mo tlogelela jwa Origin of Life. Mmulatsela yono o ne a tswelela a godisa kgatlhego ya gagwe ka go mo tlisetsa dimakasine tsa bosheng le go mmontsha ditlhogo dipe fela tse di buang ka popo kgotsa boporofeti jwa Baebele. Fa a ne a akanya gore John o setse a ka e amogela, o ne a mo tsamaisetsa buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? Fa John a sena go e bala o ne a simolola go ipitsa “motho yo o dumelang gore Modimo ke masaitseweng mme a sa tatalale.” Go tswa foo, mmulatsela o ne a bontsha John buka ya Baebele e Ruta Eng? a mmontsha serapa 8 mo tsebe 20 le serapa 13-16 mo tsebe 23-24. Ditemana tse di umakilweng mo dikgatisong tseno di ne tsa kgatlha John thata mo a neng a re: “Gongwe ke tshwanetse go akanya gape ka Baebele.”

◼ Mexico: Monna mongwe o ne a bolelela mmoledi gore ga a dumele gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo. Mmoledi o ne a ithaopela go mmontsha bosupi jwa gore Baebele e tlhotlheleditswe. Morago ga gore ba tlotle makgetlo a le mmalwa, monna yono o ne a simolola go amiwa ke se a neng a se ithuta mo Baebeleng. O ne a amega thata fa a ne a ithuta ka melao ya Modimo. O ne a raya mmoledi a re: “Kwa tshimologong fa nna le wena re ne re bala Baebele mmogo, e ne e kete ke kgakololo e e tswang mo bukeng nngwe le nngwe fela e bile e ne e sa nkame. Mme jaanong fa re e bala, bogolo jang kgakololo ya yone ka boitsholo, pelo ya me e nna botlhoko.”

◼ United States: Fa banyalani bangwe ba ntse ba neela bosupi jo bo kgethegileng mo ditoropong tse dikgolo, ba ne ba kopana le mosadi mongwe yo o tswang kwa Taiwan yo o neng a dumela mo Modimong mme a akanya gore Baebele ke ya batho basweu. O ne a tla fa tafoleng ya bone ya dibuka ka gonne a ne a ikutlwa a latlhegile le fa e ne e le motho yo o itsholetseng. O ne a solofetse gore Baebele e tla mo thusa go nna le boikaelelo mo botshelong. Banyalani bano ba ne ba simolola go ithuta le ene ba dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng? mmogo le boroutšhara jwa Lasting Peace and Happiness—How to Find Them. Mo boemong jwa go ithuta kgaolo 2 ya buka, ba ne ba tlotla ka karolo ya boroutšhara ya setlhogo se se reng, “A Guidebook for the Blessing of All Mankind.” Fa ba sena go sekaseka dirapa tsa ntlha tse thataro mo karolong eno, mosadi yoo o ne a re o gakgamadiwa ke gore Baebele ga e tshwane le dibuka dipe tse dingwe tsa bodumedi. Fa a sena go bala ka dipolelelopele tsa Baebele tse di diragaditsweng, o ne a re: “Ga go na buka epe e nngwe e ke e itseng e e nepileng jaaka Baebele!”

◼ Japane: Le fa mong wa ntlo mongwe a ne a bolelela mmoledi gore ga a dumele mo Modimong, mmoledi yoo o ne a nna a mo etela ka bokhutshwane a tlotla le ene ka ditlhogo tsa Tsogang! tse di reng, “A e Tlhamilwe?” Fa nako e ntse e ya, monna yono o ne a fetola tsela e a lebang dilo ka yone mme a simolola go amogela gore go ka tswa go na le Mmopi. Gone jaanong o dumela gore go na le Modimo, mme mmoledi o ithuta le ene boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!

◼ Canada: Kgaitsadi mongwe o ne a tsamaisetsa mosadi mongwe dimakasine tsa bosheng fa mosadi yono a ne a tswa mo ntlong ya gagwe a ya kwa koloing. Fa kgaitsadi a boa moragonyana, mosadi yono o ne a mmolelela a sa potapote gore ga a na kgatlhego e bile ga a dumele mo Modimong. Kgaitsadi yono ga a ka a itlhoboga mme o ne a mo tlisetsa boroutšhara jwa A Satisfying Life—How to Attain It. Fa kgaitsadi a fitlhela mosadi yono mo lapeng, o ne a mmolelela gore le fa a ne a itse gore ga a dumele mo Modimong, o ne a ntse a mo akantse ka gonne a itse gore o godisa bana a le nosi. O ne a bontsha mosadi yono serapa 6 mo tsebe 4 ya boroutšhara jono e e bontshang gore kgakololo e e molemo e ka bonwa kae. Go tswa foo, o ne a mo kgothaletsa go bala dikakantsho tse di mo thuto 2 malebana le go godisa bana. Mosadi yono o ne a itumelela go tsaya boroutšhara.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela