Dirisang Dimakasine Tsa Bogologolo Sentle
E re ka dimakasine tsa bogologolo di sa thuse ope fa re di beile kgotsa fa re di latlha, re tshwanetse go leka go di tsamaisa. Makasine o le mongwe o ka dira gore mongwe a kgatlhegele boammaaruri mme wa mo tlhotlheletsa gore a simolole go bitsa leina la ga Jehofa. (Bar. 10:13, 14) Fa tlase fano go na le dikakantsho tsa go dirisa dimakasine tsa bogologolo sentle.
Fa re rera mo tshimong e e berekiwang ka sewelo, gongwe o ka tlogela makasine mo o ka se bonweng gone, mo matlong a go se nang batho mo go one.
Fa re le mo bodireding jwa phatlalatsa mo batho ba letileng gone, mo mafelong a a jaaka boemelabese kgotsa mo diteisheneng tsa terena, botsa batho gore a ba ka rata sengwe sa go bala, ba bontshe dimakasine di le mmalwa tsa bogologolo mme o bo o ba letla gore ba itlhophele.
Fa o le kwa botlhatswetsong, kwa matlong a go tlhokomelwang bagodi kwa go one, kwa dikliniking kgotsa kwa mafelong a a jaaka ao, a a mo tshimong ya phuthego ya lona, tlogela dimakasine di le mmalwa tsa bogologolo foo. Gantsi go botoka go kopa tetla pele mo mothong yo o okametseng lefelo leo fa e le gore o gone. Fa o bona gore go setse go na le dimakasine tsa rona, go botoka gore o se ka wa tlogela tse dingwe.
Fa o ipaakanyetsa go dira maeto a go boela, akanya ka se mongwe le mongwe wa batho ba o batlang go ba etela a neng a se kgatlhegela. A o na le lelapa? A o rata go ja nala? A o rata go bereka mo tshingwaneng? Leba mo dimakasineng tsa bogologolo go bona gore a go na le setlhogo se a ka ratang go se bala mme o mmontshe sone fa o boela kwa go ene.
Fa o fitlhela motho yo o kgatlhegang a le kwa gae morago ga go leka ka makgetlho a mantsi go ikgolaganya le ene, mmontshe dingwe tsa dimakasine tsa bogologolo tse a se nang tsone.