LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/14 ts. 2-4
  • Gopolang ba ba Nnang Kwa Magaeng a Bagodi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Gopolang ba ba Nnang Kwa Magaeng a Bagodi
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Nosi Mme Ga ba A Lebalwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Go Tlhokomela Batsofe—Bothata Jo Bo Golelang Pele
    Tsogang!—1991
  • Go Batlega Dithuto Tsa Baebele Tse di Oketsegileng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
km 6/14 ts. 2-4

Gopolang ba ba Nnang Kwa Magaeng a Bagodi

1. Ke ka ntlha yang fa re tlhoka go isa dikgang tse di molemo kwa magaeng a bagodi?

1 Batho ba le bantsi ba lebana le makoa a botsofe. (Mor. 12:1-7) Bagodi bangwe ba nna mo magaeng a go tlhokomelwang bagodi le batho ba ba bokoa mo go one, ka jalo ga se ka metlha re kgonang go ba fitlhelela fa re rera ka ntlo le ntlo. Go ntse jalo le kwa dinageng tse kwa go tsone go tlwaelegileng gore batsadi ba ba godileng ba fuduge gore ba nne le bana ba bone kgotsa bangwe ba masika a bone. Le fa bagodi bangwe ba ka tswa ba sa kgone go itsamaisa kgotsa ba sa gopole dilo, bone mmogo le ba bangwe ba ba nnang mo magaeng a go tlhokomelwang bagodi le batho ba ba bokoa mo go one ba sa ntse ba ka kgona go ithuta ka ga Jehofa, go mo itse le go mo rata. Re ka ba fitlhelela jang gore re ba bolelele dikgang tse di molemo tsa “tsholofelo e e itumedisang”?—Tito 2:13.

2. Re ka dira jang lenaane la magae a re ka a etelang a a tlhokomelang bagodi?

2 Kafa re ka Simololang ka Gone: Gantsi lo ka dira lenaane la magae a go tlhokomelwang bagodi mo go one ka go a batla mo bukeng ya dinomore tsa megala ya mo legaeng la lona. Lebelela dikarolo tse di jaaka “nursing homes,” “retirement homes” le “old-age homes.” Molebedi wa tirelo a ka simolola ka go rulaganya gore baboledi ba ba tshwanelegang ba etele legae lengwe le lengwe. Gantsi go ka kgonega go simolola setlhopha sa thuto ya Baebele fa go rulaganngwa dilo sentle e bile go ikaegwa ka Jehofa.—Dia. 21:5; 1 Joh. 5:14, 15.

3, 4. (a) O tshwanetse go buisana le mang gore o simolole setlhopha sa go ithuta? (b) Re ka tlhalosa jang thulaganyo ya go ithuta?

3 Tsela e re tla simololang thuto ka yone e tla ikaega ka gore legae leo le le tlhokomelang bagodi le ntse jang. Mo magaeng a magolo a a nang le banni le badiri ba le bantsi, go molemo go kopana le motho yo o dirang mo legaeng la go amogela baeng mme re kope go buisana le motho yo o rulaganyang ditiro tse di dirwang mo legaeng leo. Mo magaeng a mannye—a go nang le banni ba se kae fela le batlhokomedi ba le babedi kgotsa ba le bararo mo go one—go ka nna molemo go rulaganya nako ya go buisana ka tlhamalalo le mong wa legae leo.

4 Mo maemong ano ka bobedi, tlhalosa gore o ithaopetse go dirisa nako ya gago go kgothatsa batho ba ba ratang go bala dipego tsa Baebele le go tlotla ka tsone. Botsa gore a go na le banni bape ba ba ka ratang go tlotla ka Baebele e le setlhopha ka lobaka lwa metsotso e le 30 ka beke. Go ka dirisiwa dikgatiso tse di farologaneng, mme ba le bantsi ba fitlhetse gore Buka Ya me Ya Dipolelo Tsa Baebele le ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela di ratiwa thata. O ka nna wa rata go bontsha motsamaisi wa legae leno dikgatiso tseno. Go ka rulaganngwa le ene letsatsi, nako le phaposi e go tla kopanelwang mo go yone mme gantsi tshedimosetso eo e ka tsenngwa mo khalendareng ya ditiro tse di dirwang mo legaeng la go tlhokomela bagodi. O se ka wa tshaba go ikitsise gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Go ntse go le jalo, dira gore motsamaisi a tlhaloganye gore ga o tle go tshwara tirelo nngwe ya bodumedi mme o tlile go rotloetsa batho go ithuta Baebele.

5. Ke dikakantsho dife tse di mosola tse di ka dirang gore thuto e nne monate le go solegela molemo?

5 Fa o Tshwara Thuto: Tsela e o tshwarang thuto ka yone e tla ikaega ka maemo a mo legaeng leo, ka jalo fetofetoga le maemo mme o dirise temogo. Motshwari wa thuto o tshwanetse go tla ka dikhopi di le mmalwa tsa kgatiso e e ithutiwang mme a di tseye fa thuto e fela. Go ka nna ga tlhokega gore a tlele bangwe dikhopi tsa mokwalo o mogolo. Go ka balwa dirapa, ga bodiwa dipotso mme ga newa dikarabo fela jaaka re tlwaetse go dira. Ba ba ratang go bala e bile ba kgona ba ka kopiwa go bala dirapa kgotsa ditemana tsa Baebele. Ka nako ya thuto, dira gore ba nne le seabe mo motlotlong, nna botsalano mme o dire gore motlotlo o itumedise. Ka dinako tse dingwe o ka kopa tetla ya motsamaisi gore o bontshe nngwe ya dibidio tsa phuthego tse di thusang gore motho a dumele mo Baebeleng kgotsa tse di bontshang se re se ithutang mo pegong nngwe ya Baebele. Go ka nna ga kgonega go simolola le go konela thuto ka thapelo e khutshwane. Baboledi bangwe ba ile ba bo ba simolola go dirisa dipina tsa Bogosi.

6. Go ka dirwang fa mongwe a ganetsa se se ithutiwang?

6 Go tweng fa mongwe yo o nnang mo legaeng leo a ganetsa se se balwang kgotsa se se bolelwang ka nako ya thuto? Dirisa temogo fa o mo araba. (Bakol. 4:6) Gongwe o ka mmontsha temana e khutshwane ya Baebele e e arabang sentle se a tshwenyegileng ka sone. Fa go sa kgonege, go ka nna molemo go mmontsha gore o utlwile ntlha ya gagwe mme o kope go tlotla le ene ka yone kwa thoko morago ga thuto.

7. O ka dirang fa mongwe a na le potso kgotsa a bontsha kgatlhego thata?

7 Ka dinako tse dingwe, mongwe a ka botsa potso kgotsa a bontsha gore o batla go ithuta mo go oketsegileng. Kgaitsadi mongwe o araba ka tsela eno: “Ke potso e ntle eo. Mme e re ka potso eno e le ya gago o le nosi, a re emele go fitlha re fetsa go bala. Go tswa foo, ke tla tlotla le wena ka yone.” Gantsi go ka kgonega go rulaganya go ithuta Baebele le batho ba ba kgatlhegang ka nako e sele le kwa lefelong le sele.

8. Dithuto tsa setlhopha le dithuto dipe tsa Baebele tse di ka feleletsang di tshwarelwa bangwe kwa thoko di ka begwa jang?

8 Gantsi go molemo gore nako le nako thuto ya setlhopha e tshwarwe ke Basupi ba le bangwe fela kwa legaeng leo. Baboledi bape fela ba ba nnang le seabe ba ka bega nako eo. Fa thuto e setse e tlhomame, mmoledi yo o eteletseng pele a ka bega loeto lwa go boela lo le longwe nako le nako fa go tshwerwe thuto ya setlhopha le thuto ya Baebele e le nngwe kgwedi le kgwedi. Dithuto tsa Baebele tse di simololwang kwa thoko le banni ba legae leo ba ba kgonang go tlhaloganya le go ithuta di ka begwa ka tsela e e tlwaelegileng.

9, 10. Ba ba nnang le seabe mo tirong eno ba tshwanetse go nna le dinonofo dife? Tlhalosa.

9 Dira Gore e Tshwarwe ka Metlha: Go molemo go nna le letsatsi le nako e e tlhomilweng ya go tshwara thuto ya setlhopha. Banni le badiri ba legae leo ba tla lebelela gore e tshwarwe ka metlha mme e simolole e bo e fele ka nako. (Math. 5:37) Ka jalo, go tlhokega maitlamo, tlhoafalo le thulaganyo. Gantsi go molemo fa baboledi ba le babedi ba ba tshwanelegang ba tshwara thuto ya setlhopha mmogo. (Mor. 4:9, 10) Mo magaeng a magolo go ka nna ga tlhokega baboledi ba ba oketsegileng.

10 Gape go botlhokwa go nna botsalano le go bontsha go kgatlhegela batho. (Bafil. 2:4) Mo loetong lwa gago lwa ntlha, iphe nako ya go buisana le mongwe le mongwe yo o tlileng. Kwala maina a bone mme o leke go a tshwara ka tlhogo pele ga thuto e e latelang. Go nna pelotelele le go nna kutlwelobotlhoko go tla dira gore mongwe le mongwe a ikutlwe a amogelesegile e bile a le botlhokwa.

11. Ba ba tshwereng thuto ya setlhopha ba ka bontsha badiri ba legae leo le ba malapa a bagodi tlotlo jang?

11 Gape go botlhokwa go bontsha tlotlo le bopelonomi mo badiring ba legae leno le mo bathong ba ba nnang mo go lone. Fa go setse go dirilwe thulaganyo ya thuto, go molemo gore go se ka ga fetolwa nako ya thuto kgotsa tsela e e rulagantsweng ka yone go sa buisanwa pele le motsamaisi. Gangwe le gape botsa motsamaisi gore o ikutlwa jang ka tsela e thuto e tsamayang ka yone. Fa ba malapa a bagodi ba eta ka nako ya thuto, tsaya matsapa a go ya kwa go bone go ba ikitsise. Ba tlhalosetse boikaelelo jwa thuto ya Baebele. Ba tlhomamisetse gore o kgatlhegela wa lelapa la bone go tswa pelong. Ba laletse gore ba nne mme ba reetse thuto.

12, 13. Tlhalosa maitemogelo a a bontshang melemo ya go rera mo magaeng a go tlhokomelwang bagodi mo go one.

12 Diphelelo: Diphuthego le balebedi ba ba etang ba bega diphelelo tse di kgothatsang ka karolo eno ya tirelo. Kwa legaeng lengwe la bagodi, batho ba ba nnang koo ba le 20 ba ne ba nna gone mo motlotlong wa ntlha. Seo se ne sa felela ka gore go tshwarwe dithuto tsa Baebele kwa thoko le banni ba koo ba le barataro. Mongwe wa bone o ne a felela a kolobeditswe. Thuto e e neng e tshwarwa mo legaeng le lengwe la bagodi e ne ya tlhotlheletsa mmè mongwe wa dingwaga tse 85 gore a kopanele le phuthego ya mo lefelong leo a bo a bolele gore o batla go kolobediwa. Fa legae lengwe la bagodi le ne le swetsa ka gore le kopanye ditirelo tsa lone—ka go fedisa thuto e e neng e tshwarwa ke Basupi ba ga Jehofa—banni ba koo ba ne ba ngongorega kwa motsamaising wa legae leo! Kgabagare thuto eo e ne ya simolola gape mme morago ga tla batho ba palo e e fa gare ga 25 le 30.

13 Tsela e re bontshang batho ba ba nnang kwa magaeng a bagodi lorato ka yone ga e ame fela batho ba ba nnang mo go one. Ka sekai, go tlwaelegile gore badiri ba mo magaeng ao ba nne gone mo thutong eo ba bo ba nne le seabe mo go yone. Matsapa a re a tsayang go bontsha gore re amega ka batho ba ba mo magaeng a go tlhokomelwang bagodi mo go one le one a naya bosupi mo setšhabeng. (1 Pet. 2:12) Fa motsamaisi mongwe a sena go tlhalosediwa boikaelelo jwa thuto eno o ne a re: “Ke ka ntlha yang fa lo tsere lobaka lo loleele jaana? Lo ka simolola leng?” Motsamaisi mongwe ene o ne a kwala a re: “Nka akantsha thuto eno ya setlhopha ka pelo yotlhe mo legaeng lepe fela le le tlhokomelang bagodi mono. Basupi ba ga Jehofa ba dira tiro eno mahala e le karolo ya tirelo ya bone mo setšhabeng.” Legae lengwe le le tlhokomelang bagodi kwa Hawaii le ne la naya Basupi ba ga Jehofa setifikeiti sa Volunteer Service Award se se neng se tlhalosa baithaopi bano e le “letlotlo le le tlhwatlhwakgolo” mo banning ba legae leo.

14. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leka go thusa ba ba mo magaeng a go tlhokomelwang bagodi mo go one?

14 Jehofa o laletsa bagodi gore ba mmake. (Pes. 148:12, 13) Taletso eo e akaretsa le ba ba mo magaeng a a tlhokomelang bagodi. A go na le magae a go tlhokomelwang bagodi mo go one mo tshimong ya lona a bagodi ba one ba ka solegelwang molemo ke go utlwa dikgang tse di molemo? Re ka kgona go neela bosupi jo bo molemo mo magaeng a a tlhokomelang bagodi ka thuso ya bagolwane ba lefelo la rona le batsamaisi ba magae a go tlhokomelwang bagodi mo go one. Re etsa Jehofa fa re gopola bagodi.—Pes. 71:9, 18.

Metlotlo ya Setlhopha Kwa Legaeng la Bagodi

  • Bua pele le modiri wa lefelo la go amogela baeng le motho yo o rulaganyang ditiro tse di dirwang moo fa o goroga ka nako e o e beetsweng.

  • Tla le dikhopi tse di lekaneng tsa kgatiso e e tla ithutiwang ke setlhopha. Di tsenye mo kgetsaneng e e lebegang sentle mme o di tseye fa thuto e fela.

  • Phuthologa mme o nne botsalano. Ba bitse ka maina a bone.

  • Balang serapa se le sengwe lo bo lo tlotle ka sone pele lo ya kwa go se se latelang.

  • Botsa dipotso tse dikhutshwane. Akgolela botlhe dikarabo tsa bone ka lorato.

  • Fa mongwe a botsa kgotsa a ganetsa thuto nngwe, e beele nako e nngwe mo o ka e tlotlang le ene kwa thoko kwa lefelong le lengwe.

  • Araba dipotso tse di bodiwang ke badiri ba mo legaeng leo le ba malapa a bagodi ka tsela e e motlhofo le e e tlhamaletseng.

  • Dirisa tshono e o e bonang go simolola dithuto tsa Baebele kwa thoko le banni ba legae leo, ba masika a bone le badiri ba legae leo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela