Lebokoso la Dipotso
◼ A go siame gore mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a okelwe kwa bookelong kgotsa kwa legaeng la batsofe le le laolwang ke mokgatlho wa bodumedi?
Mekgatlho e e farologaneng ya bodumedi e laola maokelo kgotsa magae a batsofe a a alafang balwetse kgotsa go ba tlhokomela. Gantsi mafelo ano ga a dirwe ka boikaelelo jwa go rotloetsa ka tlhamalalo ditiro tsa Babelona o Mogolo. (Tshen. 18:2, 4) Kwa tshimologong fa a ne a tlhomiwa a ka tswa a ne a tlhomelwa fela gore a thuse mokgatlho oo wa bodumedi go itirela madi. Gompieno maokelo a le mantsi a bidiwa fela ka maina a mekgatlho ya bodumedi mme mangwe a one a sa ntse a na le badiri ba se kae ba e leng baruti.
Fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a tlhoka go tlhokomelwa ke bookelo kgotsa legae la batsofe, o tshwanetse go itirela tshwetso ya gore a o tla ya kwa lefelong le le ka tswang le amana le mokgatlho wa bodumedi kgotsa ga a kitla a ya kwa go lone. Segakolodi sa motho yo mongwe se ka mo letla gore a ye mme sa yo mongwe sone sa se ka sa mo letla. (1 Tim. 1:5) Go na le maemo mangwe a a ka tlhotlheletsang tshwetso e motho a e dirang mme go botlhokwa go a sekaseka.
Ka sekai, bookelo kgotsa legae la batsofe le le nang le leina la bodumedi e ka tswa e le lone fela mo motseng oo. Kgotsa fa e le gore go na le a mangwe, leno le le nang le leina la bodumedi, e ka tswa e le lone le le itsegeng ka go nna le ditirelo tsa maemo a a kwa godimo. E ka tswa e le lone fela le le nang le kalafi e e rileng e o e tlhokang, kgotsa e ka tswa e le lone fela le ngaka kgotsa moari wa gago a berekelang kwa go lone. Mme gape ka dinako dingwe maokelo a a ntseng jalo a ka tlotla tshwetso ya gago malebana le tshelo ya madi fa maokelo mangwe a a ikemetseng kgotsa a puso one a ka nna a se ka a e tlotla. Ka jalo, tseno ke dingwe tsa dilo tse o ka tshwanelwang ke go di akanyetsa fa o dira tshwetso ya gore ke lefelo lefe la kalafi le o batlang go ya kwa go lone.
Fa o swetsa ka gore o dirise bookelo kgotsa legae la batsofe le le amanang le bodumedi, o ka leba seno e le fela go duelela ditirelo tse o di diretsweng. O ka leba seo se tshwana le fa mokgatlho mongwe wa bodumedi o ne o laola kgwebo nngwe mme fa o reka sengwe mo go yone o tla bo o sa ntse moneelo o o emang bodumedi jwa maaka nokeng. O tla bo o duelela fela selo se o se diretsweng.
Ke boammaaruri gore Mokeresete o tshwanetse go tlhomamisa gore ga a nne le seabe mo ditirong dipe tsa kobamelo ya maaka. Gape a ka se ka a bitsa badiredi ba koo ka direto tse di tlwaelegileng tsa bodumedi, tse di jaaka “Father” kgotsa “Sister.” (Math. 23:9) O tshwanetse go tlhomamisa gore o dirisana le lefelo leo ka mabaka a kgwebo fela a mo go one a newang kalafi le thuso e a e tlhokang, e seng sepe se sele.
Fa o robaditswe kwa bookelong joo o ka tlhalosa gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa le gore o ka rata gore bagolwane ba lefelo la lona ba go etele. Seno se tla dira gore o amogele thuso ya dilo tsa semoya ka nako ya fa o le koo.—1 Bathes. 5:14.
Ba losika ba e leng Basupi, bagolwane le ba bangwe mo phuthegong ba tshwanetse go tlhokomela bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng, ba ba thuse semoyeng ka dilo tse ba di tlhokang fa ba ntse ba le kwa magaeng a batsofe, segolobogolo fa a laolwa ke mekgatlho ya bodumedi. Go tlhoafalela kgang eno go tla kgothatsa bagodi bano fela thata le go thibela gore ba se ka ba akarediwa ka phoso mo ditirong tsa bodumedi, mo go ketekeng kgotsa mo ditirong dingwe tse di tshwarelwang mo mafelong a a ntseng jalo.
Mongwe le mongwe o tla tshwanelwa ke go akanyetsa dintlha tseno ka kelotlhoko le sotlhe se se amegang go tswa foo a bo a itirela tshwetso ya gore o tla batla go bona thuso kwa bookelong kgotsa kwa legaeng lefe la bagodi.—Bagal. 6:5.