Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Araba Mong wa Ntlo yo o Bogale
Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa: Batho ba bantsi ba re kopanang le bone mo bodireding ba botsalano. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bolelela pele gore batho ba bangwe ba tla re tlhoa. (Joh. 17:14) Ka jalo, ga re a tshwanela go gakgamala fa mong wa ntlo a re galefela. Fa re lebana le boemo jono, re batla go mo araba ka tsela e e tla itumedisang Jehofa, yo re mo direlang. (Bar. 12:17-21; 1 Pet. 3:15) Go dira jalo go tla dira gore boemo bo se ka jwa nna maswe le go feta. Gape go tla naya mong wa ntlo le batho bape ba ba re lebileng bosupi go bo go dira gore ba batle go reetsa Basupi ba ga Jehofa mo nakong e e tlang fa ba ba etela.—2 Bakor. 6:3.
Leka Seno mo Kgweding Eno:
Ikatisetseng boemo jono ka nako ya kobamelo ya lelapa.
Fa lo sena go kgaogana le mong wa ntlo yo o bogale, bua le mmoledi yo o tsamayang le ene gore o ka bo o mo arabile jang ka tsela e e molemo.