Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang
Tora ya Tebelo December 1
“Batho ba le bantsi ba na le dikgopolo tse di phoso ka Baebele, re etile fano ka gonne re batla go go bontsha gore ga di boammaaruri. Batho ba le bantsi ba tlotla Baebele mme ba akanya gore e thata go e tlhaloganya. Wena o akanyang ka Baebele? [Mo letle a arabe.] Ela tlhoko lebaka la go bo re tshwanetse go kgatlhegela se Baebele e se rutang. [Bala Baroma 15:4.] Makasine ono o tlhalosa kafa re ka itseng ka gone gore Baebele e kwadilwe ka tsela e e tlhaloganyesegang. Gape o na le dikakantsho tse re ka di dirisang gore re e tlhaloganye.”
Tsogang! December
“Re etela batho mo malapeng a bone. Mongwe le mongwe o batla gore lelapa la gagwe le itumele le gore le nne le kagiso. O akanya gore ke eng se malapa a tshwanetseng go se dira, a ke go leka go tila dikganetsano kgotsa a ke go ithuta tsela e e siameng ya go di rarabolola? [Mo letle a arabe.] Bona gore Baebele ya reng. [Bala Diane 26:20.] Makasine ono o na le dikakantsho tse di tswang mo Baebeleng tse di thusang malapa gore a tshedisane sentle ka kagiso.”