BOTSHELO JWA BOKERESETE
Ditsela Tsa go Dirisa JW Library
FA O ITHUTA:
Bala Baebele le temana ya letsatsi
Bala Buka ya Ngwaga, dimakasine le dikgatiso tse dingwe. Dirisa konopo ya letshwao la buka
Baakanyetsa dipokano o bo o tshwaya dikarabo tsa gago
Leba dibidio
MO DIPOKANONG:
Tsamaisana le sebui ka go bula ditemana. Dirisa konopo ya hisitori go ya kwa temaneng e o kileng wa e bula
Go na le gore o tle ka dikgatiso tse dintsintsi kwa dipokanong, dirisa sedirisiwa sa gago sa ileketeroniki fa o opela o bo o tsamaisana le dibui fa di neetse dipuo. JW Library e na le dipina tse disha tse di iseng di tsenngwe mo kopelong ya rona
MO BODIREDING:
Bontsha motho yo o kgatlhegang sengwe mo JW Library o bo o mo thusa go tsenya app eno mo sedirisiweng sa gagwe
Dirisa konopo ya senka go batla temana nngwe. O ka kwala lefoko kgotsa seele go senka temana
Bontsha bidio. Fa e le gore mong wa ntlo o na le bana, o ka nna wa tshameka nngwe ya dibidio tsa Nna Tsala ya ga Jehofa. Go dira gore mong wa ntlo a kgatlhegele go ithuta Baebele, o ka tshameka bidio ya Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele? Fa motho a bua puo e sele, mmontshe bidio ka puo ya gagwe
Fa e le gore o kile wa tsenya Baebele ya puo e nngwe mo app eno, mmontshe ditemana go tswa mo go yone. Bula lokwalo, tobetsa nomoro ya temana, o bo o tobetsa konopo e e bontshang temana eo mo Dibaebeleng tse dingwe