BOTSHELO JWA BOKERESETE
Etsa Dinonofo Tsa Modimo—Bopelokgale
GORENG GO LE BOTLHOKWA:
Go rera go re tlhoka bopelokgale.—Dit 5:27-29, 41, 42
Bopelokgale jwa rona bo tla lekwa ka nako ya pitlagano e kgolo.—Mat 24:15-21
Go tshaba batho go kotsi.—Jer 38:17-20; 39:4-7
SE O KA SE DIRANG:
Iphe nako ya go akanya ka tsela e Jehofa a thusitseng batho ba gagwe ka yone mo nakong e e fetileng.—Ek 14:13
Ikanye Jehofa.—Pes 118:6
Ke dilo dife tse ke di boifang tse ke batlang Jehofa a nthuse ka tsone?
LEBA BIDIO YA TILA DILO TSE DI KA DIRANG GORE O SE KA WA TLHOLA O IKANYEGA—GO BOIFA BATHO, GO TSWA FOO, ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Goreng re tlhoka bopelokgale fa re le mo bodireding?
Diane 29:25 e re ruta eng?
Goreng re tshwanetse go nna pelokgale gone jaanong?