BOTSHELO JWA BOKERESETE
Etsa Sekao sa ga Keresete ka go Nna Boikokobetso le Boingotlo
Le fa Jesu e ne e le monna yo tlotlegang go feta botlhe ba ba kileng ba tshela, o ne a bontsha boikokobetso le boingotlo ka go dira gore Jehofa e nne ene a galalediwang. (Joh 7:16-18) Satane ene ga a ka a galaletsa Modimo mme o ne a nna Diabolo kgotsa yo o senyang ba bangwe maina. (Joh 8:44) Bafarasai ba ne ba tshwana le Satane ka gonne ba ne ba dira gore batho ba nyatse Mesia le gore ba se ka ba nna le tumelo mo go ene. (Joh 7:45-49) Re ka etsa Jesu jang fa re newa ditshiamelo kgotsa maikarabelo mangwe mo phuthegong?
LEBELELANG BIDIO YA ‘RATANANG’—TILANG GO NNA LEFUFA LE GO IKGANTSHA, KAROLO 1, LO BO LO TLOTLA KA POTSO E E LATELANG:
Aobakwe o bontshitse jang gore o itseela kwa godimo?
LEBELELANG BIDIO YA ‘RATANANG’—TILANG GO NNA LEFUFA LE GO IKGANTSHA, KAROLO 2, LO BO LO TLOTLA KA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Aobakwe o bontshitse jang gore o ikokobeditse?
Aobakwe o kgothaditse Bakang le Kabo jang?
LEBELELANG YA BIDIO YA ‘RATANANG’—TILANG BOIKGOGOMOSO LE GO DIRA DILO KA TSELA E E SA TSHWANELANG, KAROLO 1, LO BO LO TLOTLA KA POTSO E E LATELANG:
Mokaulengwe Molefe o paletswe jang ke go bontsha boingotlo?
LEBELELANG YA BIDIO YA ‘RATANANG’—TILANG BOIKGOGOMOSO LE GO DIRA DILO KA TSELA E E SA TSHWANELANG, KAROLO 2, LO BO LO TLOTLA KA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Mokaulengwe Molefe o bontshitse jang gore o boingotlo?
Tsela e Mokaulengwe Molefe a arabileng Thato ka yone e rutile Thato eng?