LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb19 February ts. 8
  • Nna o Letile ka Tlhoafalo Mme o Itshokile

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna o Letile ka Tlhoafalo Mme o Itshokile
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Letle Sepe se go Amoga Sekgele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Boitshoko—Bo Botlhokwa Thata Mo Bakereseteng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Siana Lobelo ka Boitshoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Nna o Atamalane le Phuthego ya ga Jehofa
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
mwb19 February ts. 8

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Nna o Letile ka Tlhoafalo Mme o Itshokile

O na le lobaka lo lo kae o letetse Bogosi Jwa Modimo? A o ntse o letile mme gone o le pelotelele fa o kopana le diteko? (Bar 8:25) Go na le Bakeresete ba ba kopanang le diteko tse di jaaka go tlhoiwa, go sotliwa, go tsenngwa mo kgolegelong le e leng go tshosediwa ka loso. Ba bangwe ba na le malwetse a a sa foleng kgotsa ba setse ba tsofetse.

Ke eng se se ka re thusang gore re nne re letile ka tlhoafalo le fa re kopana le diteko? Re tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona ka go bala Baebele le go tlhatlhanya ka dilo tse re di balang. Ga re a tshwanela go latlhegelwa ke tsholofelo. (2Bak 4:16-18; Bah 12:2) Re tshwanetse go isa mekokotlelo ya rona kwa go Jehofa le go mo kopa gore a re neye moya o o boitshepo. (Luk 11:10, 13; Bah 5:7) Rraarona yo o kwa legodimong o kgona go re thusa gore re ‘itshoke ka botlalo le gore re itshware ka bopelotelele ka boipelo.’—Bak 1:11.

LEBANG BIDIO YA ‘TABOGA KA BOITSHOKO’—ITITEYE SEHUBA GORE O TLA FENYA, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Mokaulengwe a na le mosadi wa gagwe mo tshimong

    Ke dilo dife tse di ka diregang re sa lebelela? (Mor 9:11)

  • Mokaulengwe o kgothatsa mokaulengwe yo o lwalang

    Thapelo e re thusa jang fa re kopana le diteko?

  • Bakaulengwe ba le mo loetong lwa bodisa

    Fa re sa tlhole re kgona go direla Jehofa mo go oketsegileng, goreng re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go se re kgonang go se dira gone jaanong?

  • Mokaulengwe a akanya ka Paradaise ka nako e a tla bong a sa tlhole a lwala ka yone

    Leba kwa mokgeleng

    Ke eng se se go thusang gore o tlhomamisege gore o tlile go fenya?

O ka thusa jang ba ba kopanang le diteko mmogo le ba malapa a bone?

  • Bua mafoko a a kgothatsang mme o se ka wa ba bapisa le batho ba bangwe

  • Ba reetse fa ba bua le wena

  • Ba rapelele

  • Ba apeele kgotsa ba thuse ka tiro nngwe ya mo lapeng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela