MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 BATHESALONIKA 1-3
Go Senolwa ga Motho yo o Senang Molao
Paulo o ne a bua ka eng mo ditemaneng tseno?
“Thibelo” (temana 6)—E ka tswa e le baaposetoloi
‘Senolwa’ (temana 6)—Fa baaposetoloi botlhe ba sena go tlhokafala, Bakeresete ba batlhanogi ba ne ba simolola go ruta dithuto tsa maaka
‘Bosaitsiweng jwa yo o se nang molao’ (temana 7)—Mo motlheng wa ga Paulo batho ba ne ba sa itse gore “yo o se nang molao” ke mang
“Yo o se nang molao” (temana 8)—Ke baeteledipele ba bodumedi jwa maaka
‘Morena Jesu o tla tlosa yo o senang molao ka go bonatshega ga go nna gone ga gagwe’ (temana 8)—Jesu o tla bontsha gore ke Kgosi kwa legodimong fa a tla bo a atlhola “yo o se nang molao” le batho ba ba sa siamang
Ditemana tseno di go thusa jang go bona gore tiro eno ya go rera e potlakile le gore o rere ka matlhagatlhaga?