LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb19 December ts. 8
  • Lefatshe Le ne La “Kometsa Noka”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe Le ne La “Kometsa Noka”
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Pego ya Tsa Molao
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
  • Bareri ba Bogosi ba Isa Kgetsi ya Bone Kwa Kgotlatshekelong
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Rapelela Bakeresete ba ba Bogisiwang
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • Bogosi Jwa Modimo bo Tsetswe!
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
mwb19 December ts. 8
Dipampiri tsa semolao tse di tswang kwa Lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng tse di buang ka go tshwarwa ga Basupi ba ga Jehofa kwa Korea, di tlhaga fa pele ga setshwantsho sa bakaulengwe ba kwa Korea ba ba apereng uniform ya kwa kgolegelong

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Lefatshe Le ne La “Kometsa Noka”

Fa e sa le bogologolo, balaodi ba dipuso ba ntse ba thusa batho ba ga Jehofa. (Eser 6:1-12; Eset 8:10-13) Mo nakong e re tshelang mo go yone, re bone “lefatshe” e leng dipuso tse di maatla tsa dinaga tse di farologaneng, di thusa batho ba ga Jehofa ka go kometsa “noka” ya pogiso e e neng e gakadiwa ke “kgogela” e leng Satane Diabolo. (Tsh 12:16) Ka dinako tse dingwe, Jehofa, “Modimo wa ditiro tsa poloko” o dirisa balaodi ba dipuso go thusa batho ba gagwe.—Pes 68:20; Dia 21:1.

Gotweng fa e le gore o tshwerwe ka ntlha ya se o se dumelang? O se ka wa belaela gore Jehofa o na le wena. (Ge 39:21-23; Pes 105:17-20) Itse gore Jehofa o tla go segofatsa ka ntlha ya tumelo ya gago le gore tsela e o ikanyegang ka yone e kgothatsa bakaulengwe ba bangwe.—Baf 1:12-14; Tsh 2:10.

LEBANG BIDIO YA, BAKAULENGWE BA KWA KOREA BA GOLOTSWE KWA KGOLEGELONG, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Goreng bakaulengwe ba le bantsi ba kwa South Korea ba ile ba tshwarwa mo dinakong tse di fetileng?

  • Ke tshwetso efe e e dirilweng kwa kgotlatshekelong e e neng ya dira gore bakaulengwe ba gololwe pele ga nako e ba e beetsweng?

  • Re ka thusa jang bakaulengwe ba gone jaanong ba tshwaretsweng tumelo ya bone?

  • Re tshwanetse go dirisa jang kgololesego ya rona gone jaanong?

  • Ke mang yo o ikarabelelang ka ditshwetso tse di molemo tse di dirwang kwa dikgotlatshekelong?

Kgolegelo ya kwa Korea e Basupi ba ga Jehofa ba kileng ba isiwa kwa go yone; makwalo a tswang mo Basuping ba ga Jehofa a a kwaletsweng bakaulengwe ba ba tshwerweng kwa Korea; rre o tlamparela morwawe yo o tswang kgolegelong

Ke dirisa kgololesego ya me jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela