LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb20 January ts. 8
  • Go Simolola Motlotlo o Dirisa Dipampitshana

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Simolola Motlotlo o Dirisa Dipampitshana
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsela e e Kgatlhang e Dipampitshana Tse Disha di Dirilweng ka Yone!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Go Dirisa Dipampitshana Gore o Nne le Matswela a a Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • O ka Dirisa Jang Karolo ya Se re Ka se Buang mo Bodireding?
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
  • Dirisa Dipampitshana go Anamisa Dikgang Tse di Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
mwb20 January ts. 8
Kgaitsadi o rerela mosadi yo mongwe a dirisa pampitshana ya ‘A Pogo e Tla Fela?’

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Go Simolola Motlotlo o Dirisa Dipampitshana

Go simolola ka January 2018, khabara ya Bukana ya Botshelo le Bodiredi e ntse e tlhagisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Re ntse re kgothalediwa go tlhoma mogopolo thata mo go bueng le batho go na le go ba naya dikgatiso fela. E le go thusa baboledi go tokafatsa tsela e ba buang le batho ka yone, dibidio tsa se re ka se buang mo bodireding di ntse di re bontsha gore re ka simolola motlotlo jang re dirisa Baebele fela. Mme gone, a seo se raya gore ga re a tshwanela go dirisa dikgatiso fa re rera ka ntlo le ntlo? Nnyaa! Ka sekai, dipampitshana e ka nna tsela e e motlhofo ya go simolola motlotlo. Re ka dirisa mokgwa o o latelang fa re buelela dipampitshana:

  1. Botsa potso e e tlhagang mo tsebeng ya ntlha.

  2. Mmontshe karabo e e tswang mo Baebeleng e e fitlhelwang mo temaneng kgotsa mo ditemaneng tse di kwa godimo mo tsebeng ya bobedi. Fa nako e go letla, bala dintlha tse di mo teng ga pampitshana eo lo bo lo tlotla ka tsone.

  3. Naya mong wa ntlo pampitshana eo, o bo o mo kgothaletsa gore a bale dintlha tse di setseng ka nako ya gagwe.

  4. Pele o tsamaya, mmontshe potso e e tlhagang mo setlhogong se se reng “Se o Ka Akanyang ka Sone” mme o rulaganye gore o tle go tlotla le ene ka karabo e e tswang mo Baebeleng mo nakong e e tlang.

Pampitshana ya ‘Bokamoso bo re Tshwaretse Eng?’ e na le dinomoro go simologa ka 1 go fitlha ka 4 mme di bontsha dikarolo tse di farologaneng tsa pampitshana eno.

Fa o boa, tlotla ka karabo ya potso e o neng wa e botsa o bo o botsa potso e nngwe e lo tla tlotlang ka yone mo nakong e e tlang. O ka nna wa tlhopha potso mo jw.org kgotsa mo kgatisong e e tlhagang ka fa morago ga pampitshana eo. Ka nako e e siameng, mmontshe boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! kgotsa kgatiso e nngwe e re ithutang le batho ka yone e e mo Lebokosong la go Ruta.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela