MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | EKESODO 10-11
Moshe le Arone Ba ne Ba le Pelokgale
Moshe le Arone ba ne ba le pelokgale fa ba ne ba bua le Faro, monna yo o neng a na le taolo go gaisa batho botlhe ka nako eo. Ke eng se se ba thusitseng go dira jalo? Baebele ya re: “Ka tumelo [Moshe] o ne a tloga kwa Egepeto, e se gore o ne a boifa bogale jwa kgosi, gonne o ne a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.” (Bah 11:27) Moshe le Arone ba ne ba ikaega ka Jehofa e bile ba ne ba na le tumelo mo go ene.
Ke maemo afe a a ka dirang gore o tlhalosetse motho yo o nang le taolo se o se dumelang?