LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb21 November ts. 15
  • Ruta Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Ithute ba le Nosi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ruta Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Ithute ba le Nosi
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thusa Batho ba o Ithutang Baebele le Bone go Atamalana le Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Thusa Batho ba o Ithutang le Bone go Tlogela Mekgwa E e Sa Siamang
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Botsa Dipotso
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Fitlhelela Dipelo Tsa Batho Ba o Ba Rutang
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
mwb21 November ts. 15

TLHAGAFALELA BODIREDI | ITUMELE MO BODIREDING

Ruta Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Ithute ba le Nosi

Gore re thuse batho ba re ithutang Baebele le bone go itse Jehofa le gore ba gatele pele mo phuthegong, ga go a lekana gore ba itse dithuto tsa boammaaruri fela tse re ba rutang tsone, go na le moo, ba tshwanetse go ithuta mo go oketsegileng. (Mat 5:3; Bah 5:12–6:2) Gape ba tshwanetse go itse gore ba ka ithuta jang ba le nosi.

Simolola ka go bontsha batho ba o ithutang Baebele le bone gore ba ka baakanyetsa jang karolo e lo tla e ithutang mmogo mme o ba rotloetse gore ba nne ba dira jalo. (mwb18.03 6) Ba rotloetse gore ka metlha ba rapele pele ba ithuta ba le nosi. Ba bontshe gore ba ka dirisa jang dithulusu tsa go dira dipatlisiso fa ba ithuta. Ba tlhalosetse gore ba ka bona jang dilo tsa bosheng mo jw.org le mo JW Broadcasting®. Nna o ba rute gore ba bale Baebele letsatsi le letsatsi, ba baakanyetse dipokano le gore ba dire dipatlisiso ka dipotso tse ba nang le tsone. Ba thuse gore ba akanyetse kwa teng ka se ba se ithutang.

LEBANG BIDIO YA, THUSA BATHO BA O ITHUTANG LE BONE GORE BA ITHUTE BA LE NOSI, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Ithute ba le Nosi.” Mmasentle o tlhalosa gore o gopola dilo tse di neng di mo fitlhelela pelo.

    Lesego o ile a thusa Mmasentle jang go bona gore go ithuta ga se go itse dikarabo fela?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Ithute ba le Nosi.” Lesego o thusa Mmasentle gore a bone karabo mo temaneng.

    Ke eng se se thusitseng Mmasentle gore a tlhatswege pelo gore Jehofa o dira se se siameng ka go sa letlelele boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Ithute ba le Nosi.” Mmasentle o akanyetsa kwa teng ka temana fa a ntse go bapa le lekau la gagwe.

    Ruta batho ba o ithutang le bone gore ba ka ithuta jang ba le nosi le gore ba ka dirisa jang se ba se ithutileng

    Mmasentle o ile a lemoga eng ka go akanyetsa kwa teng ka se a se ithutileng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela