LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb22 March ts. 15
  • Thusa Batho ba o Ithutang Baebele le Bone go Atamalana le Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thusa Batho ba o Ithutang Baebele le Bone go Atamalana le Jehofa
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thusa Batho ba o Ithutang le Bone go Tlogela Mekgwa E e Sa Siamang
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Ruta Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Ithute ba le Nosi
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Botsa Dipotso
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Fitlhelela Dipelo Tsa Batho Ba o Ba Rutang
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
mwb22 March ts. 15

TLHAGAFALELA BODIREDI | ITUMELE MO BODIREDING

Thusa Batho ba o Ithutang Baebele le Bone go Atamalana le Jehofa

Jehofa o batla gore re mo direle ka gonne re mo rata. (Mat 22:37, 38) Fa batho ba re ithutang Baebele le bone ba rata Jehofa, seo se tla ba thusa gore ba dire diphetogo le gore ba se ka ba ineela fa ba na le mathata. (1Jo 5:3) Gape go ka ba tlhotlheletsa gore ba kolobediwe.

Thusa batho ba o ithutang Baebele le bone gore ba lemoge gore Modimo o a ba rata. Mmotse jaana: “Seno se go ruta eng ka Jehofa?” kgotsa “Seno se go bontsha jang gore Modimo o a go rata?” Ba thuse go lemoga gore Jehofa o ba thusitse jang mo botshelong. (2Dt 16:9) Ba tlotlele kafa Jehofa a arabileng dithapelo tsa gago ka gone, e bile o ba thuse go lemoga fa Jehofa a araba dithapelo tsa bone. Re a itumela fa re bona batho ba re ithutang Baebele le bone ba lemoga gore Jehofa o a ba rata, mme le bone ba bo ba mmontsha gore ba a mo rata le gore ba batla go nna ditsala tsa gagwe.

LEBANG BIDIO YA THUSA BATHO BA O ITHUTANG BAEBELE LE BONE GORE BA ATAMALANE LE JEHOFA, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Thusa Batho ba o Ithutang Baebele le Bone Gore ba Atamalane le Jehofa.” Mmasentle o lebega a tshwenyegile fa a ntse a bua ka founo.

    Mmasentle o ne a lebana le bothata bofe?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Thusa Batho ba o Ithutang Baebele le Bone Gore ba Atamalane le Jehofa.” Lesego o bua le Mmasentle.

    Lesego o ile a thusa jang Mmasentle?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Thusa Batho ba o Ithutang Baebele le Bone Gore ba Atamalane le Jehofa.” Mmasentle o akanya kafa Jehofa a mo thusitseng ka gone.

    Mmasentle o ne a fenya jang bothata joo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela