LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb23 March ts. 6
  • ‘Pelo ya Me e Tla Nna E le Mo go Yone ka Metlha’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Pelo ya Me e Tla Nna E le Mo go Yone ka Metlha’
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Nnang le Tumelo mo go Jehofa Modimo wa Gago”
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • B8 Tempele e e Agilweng ke Solomone
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • Reetsa Kgakololo e e Molemo
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Batho Ba ne Ba Ithaopa ka go Rata Ba bo Ba Agela Jehofa Tempele e Ntle
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
mwb23 March ts. 6

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

‘Pelo ya Me e Tla Nna E le Mo go Yone ka Metlha’

Jehofa o ne a re o tla amogela kobamelo e e neng e tla dirwa mo tempeleng e e neng e agilwe ke Solomone (2Dt 7:11, 12)

Fa Jehofa a ne a re pelo ya gagwe e tla nna e le mo tempeleng eo ka metlha, o ne a bontsha gore o tla nna a kgatlhegela se se diregang mo tempeleng eo (2Dt 7:16; w02 11/15 5 ¶1)

Fa batho ba ne ba ka tlogela go tsamaya fa pele ga ga Jehofa “ka pelo yotlhe ya bone,” o ne a tla letla gore tempele eo e senngwe (2Dt 6:14; 7:19-21; it-2-E 1077-1078)

Ditshwantsho: Ditsela tse di farologaneng tsa go obamela Modimo. 1. Mokaulengwe o a rapela. 2. Kgaitsadi o a arabela kwa dipokanong. 3. Banyalani ba rera mmogo kwa bodireding. 4. Mokaulengwe o kolomaka Holo ya Bogosi. 5. Mokaulengwe o tshwere kobamelo ya lelapa. 6. Kgaitsadi o bala Baebele. 7. Kgaitsadi o tsenya moneelo mo lebokosong.

Fa tempele e ne e kgakolwa, batho ba ka tswa ba ne ba akanya gore dipelo tsa bone di ne di tla nna di le mo tempeleng eo. Ka maswabi, tsela e ba neng ba tlhagafaletse go obamela Jehofa ka yone e ne ya fokotsega ka bonya ka bonya.

IPOTSE: ‘Ke bontsha jang gore ke amegile thata ka tsela e ke obamelang Jehofa ka yone?’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela