LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwbr23 March ts. 1-10
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—(2023)
  • Ditlhogwana
  • MARCH 6-12
  • MARCH 13-19
  • MARCH 20-26
  • MARCH 27–APRIL 2
  • APRIL 10-16
  • APRIL 17-23
  • APRIL 24-30
Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—(2023)
mwbr23 March ts. 1-10

Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi

© 2022 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania

MARCH 6-12

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 DITIRAGALO 23-26

“Tsela e go Neng go Obamelwa ka Yone Kwa Tempeleng E ne Ya Rulaganngwa Sentle”

it-2-E 241

Balefi

Tiro ya Balefi e ne e rulagantswe sentle. Dafide o ne a tlhoma baokamedi, badiredibagolo, baatlhodi, badisa ba dikgoro le babolokamatlotlo. Gape o ne a tlhoma Balefi ba bangwe ba le bantsi gore ba thuse baperesiti mo tempeleng, mo malwapeng le mo diphaposing tsa bojelo. Ba ne ba ba thusa fa go ntshiwa ditlhabelo, go dirwa tiro ya go itshekisa, go kalwa, go lekanngwa le mo ditirong tse dingwe tsa go disa tempele. Balefi ba ba neng ba dira ka mmino ba ne ba kgaogantswe ka ditlhopha di le 24 fela jaaka baperesiti, mme ba ne ba dira tiro eno ka go refosana. Go ne go latlhelwa bola gore Molefi mongwe le mongwe a itse gore o tla dira tiro efe. Gape go ne go latlhelwa bola gore badisa ba dikgoro ba itse gore ba tla bereka kwa kgorong efe.—1Dt 23, 25, 26; 2Dt 35:3-5, 10.

it-2-E 686

Moperesiti

Baperesiti ba ba neng ba bereka kwa tempeleng, ba ne ba na le baokamedi ba ba farologaneng. Go ne go latlhelwa bola gore ba newe ditiro tse ba neng ba tshwanetse go di dira. Baperesiti ba ne ba kgaogantswe ka ditlhopha di le 24. Setlhopha sengwe le sengwe se ne se bereka beke e le nngwe. Seno se raya gore ba ne ba bereka gabedi mo ngwageng. Mme ka dipaka tsa meletlo, baperesiti ba ne ba bereka botlhe ka gonne batho ba ne ba ntsha ditlhabelo di le dintsi, jaaka ba ne ba dira fa go ne go kgakolwa tempele. (1Dt 24:1-18, 31; 2Dt 5:11; bapisa le 2Dt 29:31-35; 30:23-25; 35:10-19.) Moperesiti o ne a ka bereka mo bekeng e a neng a sa abelwa go bereka ka yone fa fela a ne a sa kgoreletse ditiro tse baperesiti ba bangwe ba abetsweng go di dira mo bekeng eo. Go ya ka setso sa borabi, fa Jesu a ne a le mo lefatsheng go ne go na le baperesiti ba le bantsi mo e leng gore tiro e e neng e dirwa mo bekeng e le nngwe e ne e kgaoganngwa e bo e newa baperesiti go ya ka ditlhopha tsa bone mme ba ne ba dira tiro eo letsatsi le lengwe kgotsa a le mmalwa go ya ka palo ya bone.

it-2-E 451-452

Mmino

Fa Dafide a ne a dira dithulaganyo tsa go agiwa ga tempele ya ga Jehofa, o ne a tlhoma Balefi ba le 4 000 gore ba bake Jehofa ka mmino. (1Dt 23:4, 5) Mo go bone ba le 288 ba ne ba “katiseditswe go opelela Jehofa, . . . botlhe e le ditswerere.” (1Dt 25:7) Tiro eno ya go opela e ne e kaelwa ke batho ba le bararo ba ba neng ba itse mmino e bong Asafe, Hemane le Jeduthune (yo gape a ka tswang a ne a bidiwa Ethane). E re ka banna bano botlhe e ne e le ditlogolwana tsa barwa ba le bararo ba ga Lefi e bong Gereshome, Kohathe le Merari, seno se raya gore go ne go na le batho ba ba emelang malapa ao a mararo a Balefi kwa tempeleng. (1Dt 6:16, 31-33, 39-44; 25:1-6) Fa bomorwa Asafe, Hemane le Jeduthune ba kopantswe, ba ne ba le 24 e bile ba ne ba balelwa mo go ba le 288 ba e neng e le ditswerere mo mminong. Morwa mongwe le mongwe o ne a tlhomilwe go dirisiwa bola gore a etelele pele setlhopha se le sengwe sa mmino. O ne a okamela “ditswerere” di le 11 tse di tlhophilweng go tswa mo go bomorwawe le mo Balefing ba bangwe. Fela jaaka baperesiti, ditswerere di le 288 ([1 + 11] × 24 = 288) di ne tsa kgaoganngwa go nna ditlhopha di le 24. Fa ‘baithuti’ ba le 3 712 ba ba setseng mo palong ya 4 000 ba kgaoganngwa, seno se raya gore mo ditlhopheng di le 24 go ne go na le banna ba ka nna 155 mo setlhopheng sengwe le sengwe. Ka jalo, setswerere se le sengwe se ne se katisa Balefi ba ka nna 13. (1Dt 25:1-31) E re ka baperesiti ba ne ba letsa diterompeta, seno se raya gore e ne e le karolo ya ba ba neng ba dira ka mmino le fa gone ba ne ba sa balelwe mo palong ya 4 000.—2Dt 5:12; bapisa le Dip 10:8.

it-1-E 898

Badisa ba Dikgoro

Kwa Tempeleng. Pele Kgosi Dafide a swa, o ile a rulaganya Balefi le batho ba ba berekang kwa tempeleng, go akaretsa le badisa ba dikgoro ba ba neng ba le 4 000. Fa badisa ba dikgoro ba sena go kgaoganngwa ka ditlhopha, setlhopha sengwe le sengwe se ne se bereka kwa tempeleng malatsi a le supa. Ba ne ba na le boikarabelo jwa go tlhokomela ntlo ya ga Jehofa le go tlhomamisa gore dikgoro di tswalwa le go bulwa ka nako e e tshwanetseng. (1Dt 9:23-27; 23:1-6) Ba bangwe bone ba ne ba phutha meneelo e batho ba neng ba e tlisa e e neng e tla dirisiwa mo tempeleng. (2Dk 12:9; 22:4) Moragonyana, fa moperesiti yo mogolo e bong Jehoiada a sena go tlotsa Jehoashe gore a nne kgosi, o ne a tlhoma badisa ba ba kgethegileng ba ba neng ba disa dikgoro tsa tempele gore ba sireletse Jehoashe mo go Kgosigadi Athalia yo o neng a itseetse bogosi. (2Dk 11:4-8) Fa Kgosi Josia a ne a senya medingwana yotlhe e e neng e obamelwa, balebedi ba dikgoro ba ne ba ntsha dilwana tsotlhe tse di neng di dirisediwa go obamela Baale mo tempeleng. Ba ne ba fisetsa dilo tseo tsotlhe kwa ntle ga motse.—2Dk 23:4.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w22.03 22 ¶10

Kobamelo ya Boammaaruri e Tla Dira Gore o Itumele le go Feta

10 Re obamela Jehofa fa re opela le bakaulengwe le bokgaitsadi. (Pes. 28:7) Baiseraele ba ne ba tsaya go opela e le selo sa botlhokwa thata mo kobamelong ya bone. Kgosi Dafide o ne a tlhopha Balefi ba le 288 gore ba opele kwa tempeleng. (1 Ditir. 25:1, 6-8) Gompieno, le rona re bontsha gore re rata Modimo ka go mo opelela dipina tsa pako. Ga go tlhokege gore re bo re itse go opela gore re dire jalo. Akanya ka seno: Fa re bua, “rotlhe re dira diphoso makgetlo a le mantsi” mme seo ga se re thibele go bua fa re le kwa dipokanong le fa re le kwa tshimong. (Jak. 3:2) Ka tsela e e tshwanang, le fa re akanya gore ga re itse go opela, ga re a tshwanela go letla seo gore se re thibele go baka Jehofa.

MARCH 13-19

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 DITIRAGALO 27-29

“Kgakololo e Rre a e Neelang Morwawe ka Lorato”

w05 2/15 19 ¶9

Go Sireletsa se re Leng Sone Jaaka Bakeresete

9 Ithute o bo o tlhatswege pelo ka boammaaruri jwa Baebele. Boikutlo jwa rona jwa se re leng sone jaaka batlhanka ba ga Jehofa bo ka koafala fa bo sa itshetlega ka kitso ya Dikwalo. (Bafilipi 1:9, 10) Mokeresete mongwe le mongwe—e ka tswa a le mosha kgotsa a le mogolo—o tshwanetse go ikgotsofatsa gore se a se dumelang ruri ke boammaaruri jo bo fitlhelwang mo Baebeleng. Paulo o ne a kgothaletsa badumedi ka ene jaana: “Tlhomamisang dilo tsotlhe; ngangatlelang se se molemo.” (1 Bathesalonika 5:21) Basha ba e leng Bakeresete ba ba tswang mo malapeng a batho ba ba boifang Modimo ba tshwanetse ba lemoga gore ba ka se ikaege fela ka tumelo ya batsadi ba bone. Rraagwe Solomone e bong Dafide, o ne a mo kgothaletsa gore a “itse Modimo wa ga [rraagwe mme a] mo direle ka pelo e e feletseng.” (1 Ditiragalo 28:9) Go ne go ka se lekane gore Solomone yo mosha a lebelele fela kafa rraagwe a agang tumelo ya gagwe mo go Jehofa ka teng. O ne a tshwanetse go itse Jehofa ka boene, mme o ne a dira jalo. O ne a kopa Modimo jaana: “Jaanong nnaya botlhale le kitso gore ke tle ke tswe fa pele ga setšhaba seno le gore ke tle ke tsene.”—2 Ditiragalo 1:10.

w12 4/15 16 ¶13

Tswelela o Direla Jehofa ka Pelo e e Feletseng

13 Se re se ithutang mo setshwantshong seno se lemotshega motlhofo. Ke selo se se molemo fa re nna le seabe ka metlha mo ditirong tse di solegelang molemo le tse di kgotsofatsang tse di jaaka go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego le go nna le seabe mo tirelong ya tshimo. Le fa go ntse jalo, go direla Jehofa ka pelo e e feletseng go akaretsa se se fetang seo. (2 Ditir. 25:1, 2, 27) Fa mo pelong Mokeresete a tswelela a rata “dilo tse di kwa morago”—ke gore dikarolo dingwe tsa tsela ya botshelo ya lefatshe—o mo kotsing ya go senya kamano e e molemo e a nang le yone le Modimo. (Luke 17:32) Re tla ‘tshwanela bogosi jwa Modimo sentle’ fa fela re ‘tlhoa se se boikepo, mme re ngaparela se se molemo.’ (Bar. 12:9; Luke 9:62) Ka jalo, rotlhe re tshwanetse go tlhomamisa gore ga go sepe mo lefatsheng la ga Satane, go sa kgathalasege gore se ka bonala se le mosola kgotsa se itumedisa go le kana kang, se se re kgoreletsang go dira dilo tse di direlwang Bogosi ka pelo yotlhe.—2 Bakor. 11:14; bala Bafilipi 3:13, 14.

w17.09 32 ¶20-21

“O Nne Pelokgale . . . Mme o Dire”

20 Kgosi Dafide o ne a gopotsa Solomone gore Jehofa o ne a tla mo ema nokeng go fitlha a wetsa tiro ya go aga tempele. (1 Ditir. 28:20) Solomone o ne a nna a gopotse mafoko a ga rraagwe mme ga a ka a letla kgang ya gore ke mosha le gore ga a na maitemogelo e mo thibela go aga tempele. O ne a bontsha bopelokgale, a dira ka natla mme Jehofa o ne a mo thusa go aga tempele eo e e kgolo mo dingwageng di le supa le halofo.

21 Fela jaaka Jehofa a ile a thusa Solomone, le rona a ka re thusa gore re nne pelokgale le gore re dire tiro e a re neileng yone mo lelapeng le mo phuthegong. (Isa. 41:10, 13) Fa re bontsha bopelokgale mo tirong ya ga Jehofa, re ka tlhomamisega gore o tla re segofatsa gone jaanong le mo nakong e e tlang. Ka jalo, ‘nna pelokgale mme o dire.’

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w17.03 29 ¶6-7

Go Nna Tsala fa go Nna le Maemo a a ka Senyang Botsala

Dafide o ne a na le ditsala tse dingwe tse di neng di mo ema nokeng ka dinako tsa mathata. Mongwe wa bone e ne e le Hushai yo Baebele e mmitsang “molekane [kgotsa tsala ya] ga Dafide.” (2 Sam. 16:16; 1 Ditir. 27:33) Go ka direga gore Hushai e ne e le modiredi wa ntlo ya segosi yo gape e neng e le tsala e e molemo ya kgosi. Mme ka dinako dingwe, kgosi e ne e mo kopa go dira dilo dingwe tse e leng khupamarama.

Fa morwa Dafide e bong Abesalome a ne a itseela bogosi ka dikgoka, Baiseraele ba le bantsi ba ne ba mo ema nokeng, mme Hushai ene ga a ka a dira jalo. Fa Dafide a ne a tshaba, Hushai o ne a tsamaya le ene. Dafide o ne a utlwile botlhoko tota ka gonne a tlhanogetswe ke morwawe le batho bangwe ba a neng a ba tshepa. Le fa go ntse jalo, Hushai o ne a nna a ikanyega, tota e bile o ne a iketleeleditse go swela Dafide le go dira sepe fela se se neng se tla dira gore leano la ga Abesalome le se ka la atlega. Mme gone, Hushai ga a ka a dira jalo ka gonne seo e ne e le maikarabelo a gagwe. Go na le moo, o ne a dira jalo ka gonne e ne e le tsala e e ikanyegang ya ga Dafide.—2 Sam. 15:13-17, 32-37; 16:15–17:16.

MARCH 20-26

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DITIRAGALO 1-4

“Kgosi Solomone o Dira Tshwetso e e Seng Botlhale”

it-1-E 174 ¶5

Masole

Fa Solomone a ne a simolola go busa go ne ga kwalwa phetogo e e neng ya nna teng mo dipegong tsa masole a Iseraele. Le fa go ne go na le kagiso fa a ntse a busa o ne a ikokoanyetsa dikara le dipitse. Bontsi jwa dipitse tseno di ne di rekilwe kwa Egepeto. O ile a tshwanela ke go aga metse e mesha, gore dikara le dipitse tse a di rekileng di kgone go bewa mo mafelong ao. (1Dk 4:26; 9:19; 10:26, 29; 2Dt 1:14-17) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a segofatsa se Solomone a neng a se dirile mme fa a sena go tlhokafala bogosi jwa gagwe bo ne jwa kgaogana mme seno se ile sa dira gore masole a Iseraele a se ka a atlega. Isaia o ne a kwala jaana moragonyana: “Ruri go latlhega ba ba yang kwa Egepeto ba ya go batla thuso, ba ba ikaegang ka dipitse, ba ba ikanyang dikara tsa ntwa ka gonne di le dintsi, le dipitse tsa ntwa ka gonne di na le maatla. Mme ga ba lebe kwa Modimong yo o Boitshepo wa Iseraele, e bile ga ba senke Jehofa.”—Isa 31:1.

it-1-E 427

Kara ya Ntwa

Kwa Iseraele, go ne go ise go nne le dikara tsa ntwa di le dintsi jaaka ka nako ya fa Solomone a ne a busa. Seno ke ka gonne Jehofa o ile a laela dikgosi gore di se ka tsa ikokoanyetsa dipitse di le dintsi jaaka e kete setšhaba se ne se ikaegile ka tsone. Ka jalo, taelo eo e ne e tla dira gore go se ka ga dirisiwa dikara tse dintsi tsa ntwa ka gonne di ne di tla tlhoka dipitse gore di di goge. (Dut 17:16) Fa Samuele a ne a tlhagisa batho ka dilo tse di utlwisang botlhoko tse dikgosi di neng di tla di dira, o ne a re: “O tla tsaya bomorwaalona a bo a ba tsenya mo dikareng tsa gagwe.” (1Sa 8:11) Fa Abesalome le Adonija ba ne ba batla go itseela bogosi, mongwe le mongwe wa bone o ne a ipatlela kara ya ntwa a bo a dira gore banna ba le 50 ba siane fa pele ga yone. (2Sa 15:1; 1Dk 1:5) Fa Dafide a sena go fenya kgosi ya Soba o ne a itseela dikara tsa dipitse di le 100.—2Sa 8:3, 4; 10:18.

Fa Kgosi Solomone a ne a oketsa masole a Iseraele o ne a oketsa dikara tsa ntwa gore di nne 1 400. (1Dk 10:26, 29; 2Dt 1:14, 17) Fela jaaka Jerusalema, go ne go na le metse e mengwe e e neng e itsege e le metse ya dikara e e neng e na le mafelo a a kgethegileng a a diretsweng go tlhokomela dikara tsa ntwa.—1Dk 9:19, 22; 2Dt 8:6, 9; 9:25.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w05 12/1 19 ¶5

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ditiragalo wa Bobedi

1:11, 12. Dilo tse Solomone a neng a di kopa di ne tsa bontsha Jehofa gore ruri kgosi e ne e batla go nna le botlhale le kitso. Dilo tse re di rapelelang mo Modimong di supa se tota se leng mo dipelong tsa rona. Re tla bo re le botlhale fa re ka sekaseka dilo tse re di rapelelang.

MARCH 27–APRIL 2

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DITIRAGALO 5-7

“Pelo ya Me e Tla Nna E le Mo go Yone ka Metlha”

w02 11/15 5 ¶1

Lo se Lese go Phuthega Mmogo

Moragonyana, fa Dafide e ne e le kgosi kwa Jerusalema, o ne a bontsha kafa a neng a eletsa thata ka teng go aga ntlo e e nnetseng ruri gore Jehofa a galalediwe. Le fa go ntse jalo, e re ka Dafide e ne e le monna wa ntwa, Jehofa o ne a mo raya a re: “Ga o kitla o agela leina la me ntlo.” Go na le moo, O ne a tlhopha morwa Dafide e bong Solomone gore e nne ene a agang tempele. (1 Ditiragalo 22:6-10) Solomone o ne a kgakola tempele eo ka 1026 B.C.E., e sena go agiwa ka lobaka lwa dingwaga di le supa le sephatlo. Jehofa o ne a amogela kago eno, a re: “Ke itshepisitse ntlo eno e o e agileng ka go baya leina la me mo go yone ka bosakhutleng; mme matlho a me le pelo ya me ruri di tla itshupa di le mo go yone ka metlha.” (1 Dikgosi 9:3) Fa fela Baiseraele ba ne ba ka nna ba ikanyega, Jehofa o ne a tla amogela ntlo eo. Le fa go ntse jalo, fa ba ne ba ka fapoga mo go se se siameng, Jehofa o ne a ka se tlhole a amogela lefelo leo mme ‘ntlo eno ka boyone e ne e tla nna mekoa ya marope.’—1 Dikgosi 9:4-9; 2 Ditiragalo 7:16, 19, 20

it-2-E 1077-1078

Tempele

Hisitori. Tempele e Kgosi Solomone a neng a e agile e ne ya senngwa ke masole a ga Kgosi Nebukadenesare ka 607 B.C.E. (2Dk 25:9; 2Dt 36:19; Jer 52:13) E re ka Baiseraele ba ne ba obamela medimo ya maaka, Jehofa o ne a letlelela gore ditšhaba tse dingwe di tlhasele Juda le Jerusalema mme ka dinako tse dingwe ba ne ba tsaya matlotlo a a neng a le kwa tempeleng. Gape go ne ga feta lobaka lo loleele tempele e sa tlhokomelwe. Ka nako ya fa Rehoboame morwawe Solomone a ne a busa, Kgosi Shishake wa Egepeto o ne a tsaya matlotlo a a neng a le kwa tempeleng (993 B.C.E.) mo e ka nnang dingwaga di le nna 33 fa e sena go kgakolwa. (1Dk 14:25, 26; 2Dt 12:9) Kgosi Asa (977-937 B.C.E.) o ne a tlotla ntlo ya ga Jehofa, mme fa Jerusalema e ne e tlhoka go sirelediwa, o ne a naya Kgosi Bene-hadade wa Ntlha wa Siria pipamolomo ya selefera le gauta go tswa mo matlotlong a a kwa tempeleng. O ne a dira jalo gore Kgosi Bene-hadade a fedise kgolagano e a neng a e dirile le kgosi ya Iseraele e bong Baasha.—1Dk 15:18, 19; 2Dt 15:17, 18; 16:2, 3.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w10 12/1 11 ¶7

O Itse “Pelo ya Bomorwa Batho”

Thapelo ya ga Solomone e ka re gomotsa. Batho ba bangwe ba ka nna ba se ka ba tlhaloganya ka botlalo ka fa re ikutlwang ka gone—‘sebetso sa rona’ le ‘botlhoko jwa rona.’ (Diane 14:10) Mme Jehofa o itse se se mo pelong ya rona e bile o amega thata ka rona. Go mmulela mafatlha fa re rapela go ka dira gore re kgone go itshokela mathata a rona. Baebele ya re: “[Latlhelang] tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.”—1 Petere 5:7

APRIL 10-16

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DITIRAGALO 8-9

“O ne A Tsaya Botlhale bo le Botlhokwa”

w99 11/1 20 ¶4

Fa Bopelotshweu bo le Bogolo

Gone mme, kgosigadi ya Sheba le yone e ne ya tsaya nako ya bo ya dira maiteko a magolo a go etela Solomone. Go bonala fa Sheba e ne e le mo lefelong le gompieno e leng Republic of Yemen; ka jalo go ka direga gore kgosigadi le mokoloko wa yone wa dikamela ba ile ba tsaya loeto lwa dikilometara tse di fetang 1 600 go ya kwa Jerusalema. Jaaka Jesu a ne a bolela, “e ne e tswa mafelelong a lefatshe.” Ke eng fa kgosigadi ya Sheba e ne ya tsaya matsapa a magolo jaana? O ne a tlile segolobogolo go “tla go utlwa botlhale jwa ga Solomone.”—Luke 11:31.

w99 7/1 30 ¶4-5

Ketelo e e Nnileng le Maduo a Magolo

Mme gone, mohumagadi o ne a goroga kwa Jerusalema “a le lekoko le legolo thata, a na le dikamela tse di belesitseng ditswaiso, le gouta e le kgolo, le majana a a thata go rekwa.” (1 Dikgosi 10:2a) Batho bangwe ba bolela gore “lekoko le legolo thata” le ne le akaretsa batlhokomedi ba ba neng ba tlhometse ka dibetsa. Seno se a utlwala, fa re akanya gore mohumagadi e ne e le motlotlegi e bile a tsamaya a tshotse dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse di neng di ka ja dimilione di le masomesome tsa diranta.

Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore mohumagadi o ne a utlwela tumedi ya ga Solomone “ka ga leina la ga Jehofa.” Ka jalo e ne e se loeto fela lwa kgwebo. Go bonala mohumagadi a ne a tlile go utlwa segolobogolo ka botlhale jwa ga Solomone—gongwe le go ithuta sengwe ka Modimo wa gagwe, Jehofa. E re ka gongwe a ne a tswa mo losikeng lwa ga Sheme kana Hame, ba e neng e le baobamedi ba ga Jehofa, o ka tswa a ne a batla go itse ka bodumedi jwa bagologolwane ba gagwe.

w99 7/1 30-31

Ketelo e e Nnileng le Maduo a Magolo

Mohumagadi wa Sheba o ne a kgatlhiwa ke botlhale jwa ga Solomone le go atlega ga bogosi jwa gagwe mo go neng go “sa tlhole go le mowa ope mo go ene.” (1 Dikgosi 10:4, 5) Batho bangwe ba re mafoko ano a bolela gore o ne a “tlalalane.” Mokanoki mongwe o ile a ba a akantsha gore o ne a idibala! E ka ne go diragetseng eng, mohumagadi o ne a gakgamaditswe ke se a se boneng le go se utlwa. O ne a bolela gore batlhanka ba ga Solomone ba lesego ka gonne ba kgona go utlwa botlhale jono jwa kgosi, mme o ne a baka Jehofa go bo a ile a tlhoma Solomone mo setulong sa bogosi. Morago ga moo o ne a neela kgosi dimpho tse di turang thata, gouta e le nosi fela e ne e ja madi a a kana ka diranta di le 247 600 000, go ya ka ditlhwatlhwa tsa gompieno. Solomone le ene o ne a ntsha dimpho, o ne a neela mohumagadi “keletso yotlhe ya gagwe, sengwe le sengwe se o ne a se lopa.”—1 Dikgosi 10:6-13.

it-2-E 990-991

Solomone

Kgosigadi ya Sheba “o ne a sala a gakgametse fela thata” morago ga gore a bone bontle jwa tempele, ntlo ya ga Solomone, tsela e batho ba ba abang dijo le dinô ba rulaganeng sentle ka yone, tsela e ba neng ba apara ka yone le ditlhabelo tse di fisiwang tse Solomone a neng a di ntsha ka metlha. Ka jalo, o ne a re: “Ga ke a bolelelwa le fa e le halofo ya dilo tse ke di boneng. Botlhale jwa gago le katlego ya gago di feta kgakala pego e ke e utlwileng.” Gape o ile a re go itumela batlhanka ba ba direlang kgosi e e ntseng jalo. Seno sotlhe se ile sa dira gore kgosigadi ya Sheba e galaletse Jehofa ka gonne a bontshitse gore o rata Iseraele ka go tlhoma Solomone gore e nne kgosi.—1Dk 10:4-9; 2Dt 9:3-8.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

it-2-E 1097

Setulo sa Bogosi

Setulo sa bogosi se Solomone a se dirileng ke sone fela se go tlhalosiwang gore se dirilwe jang mo dikgosing tse di kileng tsa busa Iseraele. (1Dk 10:18-20; 2Dt 9:17-19) Go bonala gore setulo seno se ne se le kwa ‘Holong ya Setulo sa Bogosi’ e leng nngwe ya dikago tse di neng di le kwa Thabeng ya Moria kwa Jerusalema. (1Dk 7:7) Setulo seo se segolo sa bogosi ‘se ne se dirilwe ka lonaka lwa tlou se manegilwe gauta e e itshekisitsweng, se na le marulelo a a sediko kwa morago ga sone le maikaego a mabogo mo matlhakoreng.’ Le fa go ne go lebega e kete setulo seo se dirilwe ka lonaka lwa tlou, tsela e se neng se dirilwe ka yone e ne e tshwana le e tempele e neng e dirilwe ka yone. Se ne se dirilwe ka logong, se manegilwe ka gauta e e itshekisitsweng se bo se kgabisiwa ka lonaka lwa tlou. Fa motho a ne a lebile setulo seo, go ne go lebega e kete se dirilwe ka lonaka lwa tlou le gauta fela. Fa Baebele e sena go bua ka ditepisi tse thataro tse di yang kwa setulong sa bogosi, e tswelela ka go re: “Ditau tse pedi di ne di eme ka fa thoko ga maikaego a mabogo. Mme go ne go na le ditau di le 12 di eme mo ditepising tseo tse thataro, nngwe le nngwe e eme kwa bofelelong jwa ditepisi tseo tse thataro.” (2Dt 9:17-19) Seno se ne se tshwanela ka gonne tau e tshwantshetsa go nna le taolo. (Ge 49:9, 10; Tsh 5:5) Go lebega ditau di le 12 di emela ditso di le 12 tsa Iseraele, seo se ka tswa se tshwantshetsa gore ba ikobela taolo ya yo o ntseng mo setulong seo e bile ba mo ema nôkeng. Setulo seo sa bogosi se ne se na le sebeo sa dinao sa gauta. Setulo seno sa bogosi se se neng dirilweng ka lonaka lwa tlou le gauta se le kwa godimo, se na le marulelo a a sediko kwa morago ga sone le ditau fa pele ga sone, se ne se gaisa ditulo tsa bogosi tse di neng di dirwa ka nako eo, e ka tswa e le tse di fitlheletsweng, tse di gabilweng mo dikagong kgotsa tse di tlhalosiwang mo dibukeng. Mokwadi wa ditiragalo o ile a re: “Ga go na bogosi bope jo bo neng bo dirile sengwe se se tshwanang le seo.”—2Dt 9:19.

APRIL 17-23

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DITIRAGALO 10-12

“Reetsa Kgakololo e e Molemo”

w18.06 13 ¶3

A ka Bo a Ile a Amogelwa ke Modimo

Rehoboame a ka tswa a ne a sa itse gore a direng. Fa a ne a ka dumalana le batho bano, ene, ba lelapa la gagwe le badiri ba mo ntlong ya kgosi ba ne ba se kitla ba tlhola ba tshela botshelo jwa manobonobo jo ba neng ba bo tlwaetse. Mme fa a sa dumalane le bone, ba ne ba tlile go mo tlhanogela. O ne a dirang? Kgosi e ntšha e ile ya kopa kgakololo mo banneng ba ba godileng ba e neng e le bagakolodi ba ga Solomone. Go tswa foo, a bo a ya go kopa kgakololo mo dithakeng tsa gagwe. O ile a tsaya kgakololo ya dithaka tsa gagwe a bo a simolola go tshwara batho makgwakgwa. O ne a ba raya a re: “Ke tla dira gore jokwe ya lona e nne boima thata, e bile nna, ke tla e oketsa. Rre ene, o ne a lo kgwathisa ka dime, mme nna, ke tla lo kgwathisa ka dime tse di nang le mafuto.”—2 Ditir. 10:6-14.

w01 9/1 28-29

Kafa o ka Dirang Ditshwetso Tse di Siameng ka Teng

Jehofa o re naya gape ba ba godileng mo phuthegong ba re ka tlotlang le bone ka ditshwetso tsa rona. (Baefeso 4:11, 12) Le fa go ntse jalo, fa re kopa thuso ya ba bangwe, ga re a tshwanela go tshwana le batho ba ba botsang mongwe ba bo ba fetela kwa go yo mongwe go fitlha ba bona mongwe yo o tla ba bolelelang se ba batlang go se utlwa. Go tswa foo ba bo ba latela kgakololo ya gagwe. Re tshwanetse gape ra gakologelwa sekao sa ga Rehoboame se e leng tlhagiso. Fa a ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso e e masisi, o ne a bona kgakololo e e molemo mo bannabagolong ba ba neng ba direla le rraagwe. Le fa go ntse jalo, go na le gore a latele kgakololo ya bone, o ne a ya go botsa le makawana a a neng a godile le bone. E re ka a ile a latela kgakololo ya bone, o ne a dira tshwetso e e sa siamang mme go ne ga felela ka gore a latlhegelwe ke karolo e kgolo ya bogosi jwa gagwe.—1 Dikgosi 12:1-17.

Fa o batla kgakololo, e batle mo bathong ba ba nang le boitemogelo mo botshelong mme ba na le kitso e e siameng ya Dikwalo e bile ba tlotla melaometheo ya se se siameng. (Diane 1:5; 11:14; 13:20) Fa go kgonega, iphe nako ya go tlhatlhanya ka melaometheo e e amanang le kgang ya gago le ka tshedimosetso yotlhe e o e kgobokantseng. Fa o simolola go bona dilo kafa di ntseng ka teng go ya ka Lefoko la ga Jehofa, go ka direga gore o kgone go bona tshwetso e e siameng e o tshwanetseng go e tsaya.—Bafilipi 4:6, 7.

it-2-E 768 ¶1

Rehoboame

O ne a le mabela, a sa akanyetse batho ba bangwe mme seo se ile sa dira gore batho ba le bantsi ba se ka ba tlhola ba mo ema nôkeng. Ditso tse di neng di ema ba ntlo ya ga Dafide nôkeng e ne e le lotso lwa Juda le lwa Benjamine. Gape ba ne ba emiwa nôkeng ke baperesiti le Balefi ba ba neng ba le mo Iseraele yotlhe, go akaretsa le batho ba bangwe ba ba neng ba tswa mo ditsong di le lesome.—1Dk 12:16, 17; 2Dt 10:16, 17; 11:13, 14, 16.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

it-1-E 966-967

Ledimona le le Tshwanang le Podi

Se Joshua a ileng a se bua mo go Joshua 24:14 se bontsha gore Baiseraele ba ile ba tlhotlhelediwa go obamela medingwana fa ba ne ba le kwa Egepeto. Mme Esekiele ene o tlhalosa gore ba ne ba sa ntse ba ikutlwa molato ka ntlha ya dilo tse ba neng ba di dirile kwa Egepeto. (Esk 23:8, 21) Baithuti bangwe ba ile ba lemoga gore Baiseraele ba ne ba obamela madimona a a tshwanang le dipodi fela jaaka go ne go tlwaelegile kwa Egepeto ka gonne ba ne ba newa molao o o neng o ba thibela go “ntshetsa madimona a a tshwanang le dipodi ditlhabelo.” (Lef 17:1-7) Gape ba ne ba dumela seo ka gonne Jeroboame o ne a itlhomela baperesiti kwa “mafelong a a kwa godimo a a boitshepo gore ba direle madimona a a tshwanang le dipodi le a a tshwanang le dinamane.” (2Dt 11:15) Herodotus (II, 46) o ile a re se Bagerika ba neng ba se dumela ka Pan, modimo wa tlholego se ne se tswa mo kobamelong ya Baegepeto, yo moragonyana a neng a toroiwa a na le dinaka, mogatla wa podi le maoto a podi. Bangwe ba re e re ka medingwana eo e ne e na le dikarolo tsa diphologolo, seo se dirile gore batho ba torowe Satane a na le mogatla, dinaka le maoto a a nang le ditlhakwana. Mme seno se ne se tlwaelegile mo bathong ba ba ipitsang Bakeresete ba ba neng ba tshela mo dingwageng tsa bo500-1000 C.E.

Ga go tlhalosiwe gore medingwana e e neng e na le “boboa” ke eng. Bangwe ba ne ba dumela gore ke dipodi tsa mmatota kgotsa gore ke medingwana e e tshwanang le dipodi mme ga go lebege go le jalo e bile dikwalo ga di ntshe bosupi jwa seno. Lefoko leno le ka tswa le kaya gore batho ba ba neng ba obamela medimo eo ya maaka ba ne ba akanya gore e tshwana le dipodi kgotsa e na le moriri kgotsa boboa. Gape lefoko “dipodi” le le dirisitsweng mo ditemaneng tseno le ka tswa le akaretsa medingwana yotlhe e e farologaneng fela jaaka lefoko medingwana le tswa mo lefokong la Sehebera le le kayang “boloko.” Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore medingwana eo e ne e dirilwe ka boloko.—Lef 26:30; Dut 29:17.

APRIL 24-30

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DITIRAGALO 13-16

“O ka Ikaega ka Jehofa Leng?”

w21.03 5 ¶12

Bakaulengwe ba Basha—Lo ka Dira Eng Gore ba Bangwe ba lo Tshepe?

12 Fa Kgosi Asa a ne a sa ntse a le mosha, o ne a le boikokobetso e bile a le pelokgale. Ka sekai, fa rraagwe Asa e bong Abija a sena go tlhokafala, Asa o ne a nna kgosi mme o ile a tlosa medingwana yotlhe mo Juda. Gape o ile a raya ‘Bajuda a re ba batle Jehofa Modimo wa borraabonemogologolwane le go dira molao le taelo.’ (2 Ditir. 14:1-7) Mme e bile fa Sera wa Moethiopia a ne a batla go tlhasela Juda ka masole a le 1 000 000, Asa o ile a kopa thuso kwa go Jehofa. O ile a re: “Ao tlhe Jehofa, malebana le go thusa, ga go re sepe mo go wena gore a e ka ne go na le ba le bantsi kgotsa ba ba se nang maatla. Re thuse, tlhe Jehofa Modimo wa rona, gonne re ikaegile ka wena.” Mafoko ano a ga Asa a bontsha gore o ne a tshepa gore Jehofa o tla kgona go ba thusa. Asa o ile a ikanya Jehofa mme ‘Jehofa o ile a fenya Baethiopia.’—2 Ditir. 14:8-12.

w21.03 5 ¶13

Bakaulengwe ba Basha—Lo ka Dira Eng Gore ba Bangwe ba lo Tshepe?

13 Go tshwanetse ga bo go ne go tshosa tota fa masole a le 1 000 000, a ne a tla go lwa le Asa. Mme Asa o ne a ba fenya ka gonne a ikanya Jehofa. Le go ntse jalo, fa a ne a lebana le kgwetlho e e neng e sa re sepe, ga a ka a ikaega ka Jehofa. Mme fa Asa a ne a tshosediwa ke kgosi e e bosula ya Iseraele e bong Baasha, o ile a kopa thuso kwa kgosing ya Siria. Tshwetso ya gagwe e ne ya mo tlisetsa matlhotlhapelo! Jehofa o ile a romela moporofeti Hanani gore a ye go raya Asa a re: “Ka gonne o ne wa ikaega ka kgosi ya Siria mme wa se ka wa ikaega ka Jehofa Modimo wa gago, ka lebaka leo mophato wa sesole wa kgosi ya Siria o falotse mo seatleng sa gago.” Go tloga ka letsatsi leo puso ya ga Asa e ne ya nna e aparetswe ke dintwa. (2 Ditir. 16:7, 9; 1 Dikg. 15:32) Re ithuta eng?

w21.03 5 ¶14

Bakaulengwe ba Basha—Lo ka Dira Eng Gore ba Bangwe ba lo Tshepe?

14 Tswelela o le boikokobetso mme o ikaege ka Jehofa. Fa o ne o kolobediwa, o ne o bontsha gore o na le tumelo mo go Jehofa le gore o a mo tshepa. Mme Jehofa o ile a go amogela mo lelapeng la gagwe. Se gone jaanong o tlhokang go se dira, ke go tswelela o ikaega ka Ene. Go ka nna motlhofo gore o ikaege ka Jehofa fa o tlhoka go dira ditshwetso tsa botlhokwa. Mme gone, a o tla dira jalo le fa o tlhoka go dira ditshwetso tse di sa reng sepe? Go botlhokwa gore o ikaege ka Jehofa fa o tlhoka go dira ditshwetso tse di jaaka gore ke boitlosobodutu bofe jo o tla bo tlhophang, o tla amogela tiro ya mofuta ofe le gore o tla ipeela mekgele efe mo botshelong. O se ka wa ikanya botlhale jwa gago. Go na le moo, batla melaometheo e e tla go thusang go dira ditshwetso tse di siameng o bo o e dirisa. (Dia. 3:5, 6) Fa o dira jalo, o tla itumedisa Jehofa mme o tla dira gore ba bangwe mo phuthegong ba go tlotle.—Bala 1 Timotheo 4:12.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w17.03 19 ¶7

Direla Jehofa ka Pelo e e Feletseng!

7 Re tshwanetse go itlhatlhoba go bona gore a re direla Jehofa ka pelo e e feletseng. Ipotse jaana: ‘A ke ikemiseditse go itumedisa Jehofa, go femela kobamelo ya boammaaruri le go sireletsa batho ba gagwe mo tlhotlheletsong e e sa siamang?’ Akanya fela gore Asa o ne a tlhoka go nna pelokgale jang gore a kgone go tlosa mmêmogolo wa gagwe e bong Maaka “mo bohumagading.” O ka tswa o sa itse ope yo o itshwarang jaaka mmêmogolo wa ga Asa, mme gone, go ka tswa go na le maemo a mo go one o ka kgonang go nna pelokgale jaaka Asa. Ka sekai, a re re mongwe mo lelapeng la lona o dira boleo jo bo masisi a bo a sa ikwatlhaye mme a bo a tshwanelwa ke go tlosiwa mo phuthegong. A o ne o tla tswelela o dirisana le motho yoo? Pelo ya gago e ne e tla go tlhotlheletsa gore o dire eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela