LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w22 February ts. 31
  • A o Ne o Itse?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ne o Itse?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Itse se re Kgonang go se Dira
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Go Ntsha Ditlhabelo Tse di Itumedisang Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • A go Aba ga Gago go Tshwana le go Ntsha Setlhabelo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
w22 February ts. 31

A o Ne o Itse?

Goreng go ne go le molemo gore go ntshiwe ditlhabelo ka maeba le maphoi?

MOLAO o ne o letla batho ba ga Jehofa gore ba ntshe ditlhabelo ka maeba le maphoi. Mo melaong e e buang ka ditlhabelo, mefuta eno e mebedi ya dinonyane ka metlha e umakiwa mmogo e bile motho o ne a ka ntsha maphoi kgotsa maeba. (Lefi. 1:14; 12:8; 14:30) Goreng seo se ne se le molemo? Ka gonne maeba a ne a sa nne teng ka metlha. Goreng?

Leeba

Maeba a nna kwa Iseraele ka dikgwedi tse go leng mogote ka tsone. Ngwaga le ngwaga ka letlhabula a fudugela kwa borwa kwa dinageng tse di mogote, mme a boela kwa Iseraele ka dikgakologo. (Sefela 2:11, 12; Jer. 8:7) Seo se ne se raya gore fa go ne go le mariga kwa Iseraele, go ne go tla nna thata gore Baiseraele ba ntshe ditlhabelo ka maeba.

Leebarope

Maphoi one a ne a sa fuduge, ka jalo a ne a nna a le teng kwa Iseraele ngwaga otlhe. E bile batho ba ne ba kgona go rua maphoi. (Bapisa Johane 2:14, 16.) Go ya ka buka ya Bible Plants and Animals “mo metseng le mo metsaneng yotlhe kwa Palesetina go ne go ruilwe maphoi. Ntlo nngwe le nngwe e ne e na le serobi kgotsa phatlha mo loboteng, kwa dinonyane di neng di ka nna gone.”—Bapisa Isaia 60:8.

Lephoi mo serobing

Ka jalo, fa Jehofa a ne a letla batho ba gagwe gore ba ntshe ditlhabelo ka dinonyane tse di neng di nna di le teng kwa Iseraele ngwaga otlhe, o ne a bontsha gore o a ba rata le gore o a ba akanyetsa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela