LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w17 June ts. 32
  • A o Ne o Itse?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ne o Itse?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Jesu o Phepafatsa Tempele
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • O Phepafatsa Tempele Gape
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Jesu o Phepafatsa Tempele
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
w17 June ts. 32
Jesu o leleka bagwebi ba ba rekang le ba ba rekisang mo tempeleng

A o Ne o Itse?

A bagwebi ba ba neng ba rekisa diphologolo kwa tempeleng ya kwa Jerusalema ba ne ba ka bidiwa “dinokwane”?

GO YA ka Efangele ya ga Mathaio, “Jesu [o ne] a tsena mo tempeleng mme a lelekela kwa ntle botlhe ba ba rekisang le ba ba rekang mo tempeleng, mme a pitikolola ditafole tsa baananyi ba madi le dibanka tsa ba ba rekisang maphoi. A ba raya a re: ‘Go kwadilwe ga twe, “Ntlo ya me e tla bidiwa ntlo ya thapelo,” mme lona lo e dira logaga lwa dinokwane.’”—Math. 21:12, 13.

Dipego tsa bogologolo tsa Bajuda di bontsha gore bagwebi ba kwa tempeleng ba ne ba ja batho ntsoma ka go ba rekisetsa diphologolo ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo thata. Ka sekai, buka nngwe ya dithuto tsa Bajuda e tlhalosa gore nako nngwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., maphoi a le mabedi a go ntshiwang setlhabelo ka one a ne a rekisiwa ka denario ya gouta. Denario eno e ne e lekana le madi a a neng a duelwa modiri wa maemo a a kwa tlase fa a sena go bereka malatsi a le 25. Batho ba ba sa itsholelang ba ne ba letleletswe gore ba dire ditlhabelo ka maphoi le maeba, le fa go ntse jalo, dinonyane tseno di ne di ja kgomo le namane. (Lefi. 1:14; 5:7; 12:6-8) Seno se ne sa galefisa moruti mongwe yo o bidiwang Simeon ben Gamaliel, ka jalo o ne a fokotsa palo ya ditlhabelo tse di neng di tshwanetse go dirwa mme seo se ne sa dira gore tlhwatlhwa ya maphoi a mabedi e fokotsege fela thata.

Ka ntlha ya seno, Jesu o ne a na le mabaka a a utlwalang a go bitsa bagwebi ba kwa tempeleng a re ke “dinokwane,” ka gonne ba ne ba ja batho ntsoma e bile ba le pelotshetlha.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela